Ba Phuduhudu ba rotloediwa go tshegetsa lenaneo la motse
22 Mar 2017
Banni ba Phuduhudu mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba rotloeditswe go tshegetsa dithuto tsa tlhokomelo ya legano morago ga lenaneo la lephata la botsogo le le tsereng ngwaga mo motseng oo.
Fa a bua kwa tswalong semmuso ya lenaneo leo bosheng, mogolwane wa tsa botsogo, Rre Setshwano Mokgweetsinyana o ne a re lenaneo leo le ntshitse maduo ka batho ba motse oo, bagolo le bana ba tlhatlhobilwe ka bontsi ba bo ba fiwa kalafi.
A re go supile fa banni ba le makgolo mane, masome a matlhano le bosupa mo palong ya motse oo ya batho ba bamakgolo marataro ba thathobetwse malwetse a legano.
A re seo se supa fa tirisano mmogo e ne e le e e kwa godimo.
Le fa go ntse jalo, Rre Mokgweetsinyana a re o ipotsa gore ke eng bangwe bone ba sa itlhatlhoba.
A re botsogo bo simolola ka mong a tsaya tshwetso, a tshwaela fa dipatlisiso di supa fa batho ba fera bongwe mo lesomeng ba angwa ke malwetse a legano.
Rre Mokgweetsinyana o ne a tshwaela fa botsogo jwa legano e le konokono ka bo dira gore motho a nne le botsogo jo bo siameng.
O ne a gwetlha banni bao go tsweledisa dithuto tse ba di anywileng le go di fetisetsa mo dikokomaneng tsa bone.
A re go botlhokwa go tlhatlhojwa legano nako e sa le teng bolwetse bo ise bo koafatse motho gore a bone kalafi ya leino e seng go ntshiwa.
Rre Mokgweetsinyana o ne gape a tlhalosa fa lephata la botsogo le na le mananeo a mantsi a go rutuntsha batho ka malwetse a legano.
Fa a tshwaela, mogolwane wa kokelo ya Letsholathebe, Dr Maxwell Mungisi o ne a re o solofetse fa lenaneo leo le tlogetse boitemogelo jo bogolo mo bathong ba Phuduhudu.
Dr Mungisi o ne a lebogela ba motse oo go bo ba amogetse badiri ba botsogo ka mabogo oo mabedi, a leboga le bone badiri ba botsogo ba ba dirileng gore tiro eo e atlege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : PHUDUHUDU
Event : Thuto-seka-Dipuisano
Date : 22 Mar 2017






