Breaking News

Maphata a puso le morafe ba a itshekatsheka

22 Mar 2017

E re ka puso e tshwentswe ke dilelo go tswa mo setshabeng ka kakaretso ka go tlhoka go bona ditirelo tsa puso ka fa go kgotsofatsang ka teng, maphata a puso go tswa mo Lobatse a ne a rulaganya letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng go tla go rutuntsha banni ka ditirelo tsa bone le go tsaya dikakgelo gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang gore setshaba se di akole bonolo.

E rile a akgela, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Mme Kolobetso Sejakgomo a re ba tsere tshwetso ya gore ba tswele kwa setshabeng gore ba kopane le morafe go ba atumeletsa ditirelo le gone gore ba itse bodiredi jwa maphata.

Mme Sejakgomo a  re  ba eletsa gore Batswana ba ba gakolole gore maphata  a tokafatse  ditirelo tsa bone jang, le gore a bodiredi bo dira ka natla go fa morafe ditirelo ka fa go tshwanetseng ka teng.

Mogolwane kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya  Lobatse, Rre Thomas Mokgethi, o boletse gore mo lephateng leo ba itebagantse le matshelo a batho mo gae.

Rre Mokgethi o tlhalositse ka lenaneo la puso le a reng jaaka baithuti ba ikopela diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo tiro, go tlhoka gore ba bo ba fitlheletse seelo se se beilweng sa dintlha tse di masome mararo le borataro.

A re fa e le ba ba thusiwang ke lephata la boipelego ba ka ikopela ka seelo sa masome a mararo le bongwe.

O ne a tlatsa ka go re a puso e lemoga gore bana bao fa ba ne ba bona thotloetso ya batsadi  ba ka bo ba dirile botoka.

O bolela gore mo lephateng leo, ba sidila  bana maikutlo, go ba nonotsha gore ba ikamogele, ba emelelane le dikgwetlho tsa botshelo.

Mothusa mokwaledi mo khanseleng ya Lobatse, Rre Mike Taukobong, o ne a gakolola morafe go duela madi a ditlamelo ka gore fa ba nna maoto a tshupa go di duela go baya khansele ka fa mosing go ka tsamaisa ditirelo tsa yone ka tshosologo.

O ne a tlatsa  ka go re se ke sone se se dirang gore mananeo a seka a dirwa, a bolela gore ba tlaa tsena ntlo le ntlwana ba gakolola  morafe, le fa bothata e le gore beng ba malwapa ga ba yo go nna bahirisi fela mme se se dira tiro ya bone thata le go feta.

Rre Taukobong a re fa mong wa setsha a tlhokafetse ba begelwe gore ba baakanye mekwalo.

Rre Taukobong o boletse gore kgang e nngwe e e tshwentseng puso ke ya tshenyetso setshaba.

A re puso e a leka go lwantsha  tshenyetso setshaba e ise e kekele.

O ne a tlatsa ka go re ba tlhamile dikomiti tse ba eletsang gore morafe o nne le baemedi mo go tsone.

A re dikomiti tseo di kopana kgwedi le kgwedi.

O rotloeditse morafe go bega dikgang tsa tshenyetso setshaba, a kgothatsa gape morafe go tsena diphuthego tsa khansele go utlwa baemedi ba bone ba bua ka dikgang tsa setshaba.

Mogolwane wa botsogo le boitekanelo mo kokelong ya Athlone, Mme Tilwane Mokgatle o ne a rotloetsa borre go ititaya ka thupana, ba tsibogele go kopa ditlamelo tsa botsogo.

A re ba batla lenaneo le ka lone ba ka kgonang go kgobokanya borre fela gore ba kgone ba itlhatlhobele mogare wa HIV, gore ba itse  seemo sa bone nako e le teng mme ba tsee dikgato tse di maleba.

O ne a kopa morafe go ba thusa ka megopolo e e ka rotloetsang borre go nna ba etela dikokelo go ikopela dithuso tsa bongaka go na le go tshabela kgakala.

Mme Mokgatle a re go botlhokwa gore borre ba dire loaro lwa borre lo lo babalesegileng go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare.

O ne a gwetlha setshaba go itlhokomela ka jaana morago ga dipula tse di sa tswang go gosomana, go ka nna le bolwetse jwa letshoroma, a rotloetsa gore go ntshiwe tsotlhe tse di ka okang monang mo malwapeng.

Mo go tse dingwe o supile fa nnotagi mo baithuting e golela pele ka monokela, ka jalo a gwetlha batsadi go nna podimatseba go netefatsa gore bana ga ba rekisediwe ditagi.

Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng, o akgoletse morafe go tsena phuthego ka bontsi gore ba itseele tse di molemo go tswa mo maphateng.

O ne a ba gwetlha go tswelela ba etela diofisi go ithuta go le gontsi ka ditirelo tsa puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Thuto-seka-Dipuisano

Date : 22 Mar 2017