Breaking News

Go supa moeng go botlhokwa - Kgosi Modiro

22 Mar 2017

Kgosi wa Zoroga kwa kgaolong ya Tutume, Rre Thomas Modiro a re go supa moeng fa pele ga lekgotla go botlhokwa.

A re fa moeng a supilwe, morafe o a mo itse mme ere a batla thuso a e bone.

O buile jaana mo phuthegong ya motse a re ditsala le masika di supiwe kwa lekgotleng go kganela ditlamorago tse di sa siamang jaaka borukutlhi.

Kgosi Modiro a re banni ba Zoroga ba nna fela le batho ba sa itse kwa ba go tswang mme morago fa ba nna le mathata ke gone ba tle lekgotleng go tla go kopa thuso.

“Batho ba nna fela le batho ba sena bo Omang mme morago o fitlhela go nna thata gore ba ka bona dithuso mo motseng,” a tlhalosa.

A re le fa ba batlisisa go leka go bona gore motho o tswa kae go nna dingalo e bile go felela go sena lesika kana ope fela wa kwa a tlholegang teng.

Kgosi Modiro a re bangwe ba batho ba ba etelang mo Zoroga ba gana go tsaya karolo mo ditirong tsa boithaopo tsa ditlhabololo tsa motse ka ba tlhalosa fa ba tlaa di dira kwa ba tlholegang teng mme tse dingwe tse ba lemogang gore ba a boelwa tsone ba di dire.

A re gape bangwe ba na le mokgwa wa go tlhomaganya metse, maikaelelo e le go tsamaya ba bereka Ipelegeng ba dira madi ka yone.

A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e thapa babereki ba Ipelegeng ba ba tlodisa gore batho botlhe mo motseng ba kgone go bona sebaka sa go bereka, ka jalo batho ba ba tsamaya ba tlatsa diphatlha tsa motse mme morago ba tsamae.

A re seo se dira gore banni ba motse ba seka ba bona diphatlha mo Ipelegeng gape se die ditlhabologo tsa matshelo a beng ba motse.

O tlhalosa fa batsadi ba bangwe ba tsaya bana mo masikeng a bone ba tla go nna le bone mme ba sena ditlankana tsa matsalo.

A re se se dira gore go nne thata gore ngwana a bone dithuso tse di maleba jaaka go tsena sekole kana go kwadisiwa gore a thusiwe ke ba lephata la boipelego le tsone tsa botsogo tota.

Kgosi Modiro o rotloeditse batho ba ba ipeileng lobaka lo lo leele go tsenya dikopo tsa peo ditsha tsa motse gore ba nne le malwapa a e leng a bone, a re gape seo se tlaa supa fa ba na le boikarabelo le boikanyego mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 22 Mar 2017