Khansele Potlana ya Bobirwa e abela badiri dietsele
22 Mar 2017
Khansele potlana ya Bobirwa e abetse badiri ba ba le masome a supa le botlhano dietsele e le go ba lebogela go dira ka natla le boineela mo tirong.
Dietsele tse, di ne di akaretsa tsa babereki ba ba dirileng ka lobaka mo tirong, badiri ba ba berekang ka natla kwa maphateng a bone le seetsele sa modiri yo o gaisitseng ba bangwe, so ne se tswa kwa go mokwaledi wa Khansele.
Modulasetilo wa khanselepotlana ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame o tlhalositse fa badiri ba khansele potlana ya Bobirwa ba na le tshwaragano mo tirong mme ke ka moo ba tsweletseng ka go dira sentle.
A re kgaolo ya Bobirwa e a lebega ka ntlha ya badiri ba khansele eo, e bile a supa fa kabodietsele e, e tlaa ba rotloetsa go dira ka natla mo tirong.
Mothusa mokwaledi wa khasele ya Bobirwa, Mme Gomolemo Moepeng o tlhalositse fa maikaelelo a go abela badiri ba khansele go ya ka maphata a a farologaneng e le go lemoga fa ba dira ka botho, boineelo, ba bangwe ban a le lobaka lo lo leele mo tirong.
Mme Moepeng o kopile ba bereki go tswelela ba dira ka natla mo tirong, gore khansele potlana ya Bobirwa e tswelele e balelwa mo go tse di ntshang ditirelo tsa maemo a a kwa godimo.
Ratoropo wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Amogelang Mojuta o kgothaditse badiri ba ba filweng dietsele go nna sekao mo go ba bangwe.
O ne a tlhalosa fa go bereka ba le seopo sengwe go ka ba kgontsha go ntsha ditirelo tsa maemo a a kwa go dimo.
Rre Mojuta o ne a gakolola badiri ba ba berekileng ka lobaka go ipeela madi ba ise ba tlogele tiro gore ba tle ba kgone go tshela sentle fa ba sena go tlogela tiro.
O kopile badiri, go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba tse di ka felelang di phirimisa ditoro tsa bone.
Rre Mojuta o rotloeditse badiri ba khansele go tswelelela ba bereka ka tshwaragano gore ba tlotlomatse leina la khansele potlana ya Bobirwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Moletlo wa Kabo Dimpho
Date : 22 Mar 2017






