Breaking News

Kereke ya African Methodist e eme banana nokeng

22 Mar 2017


Kereke ya African Methodist Episcopal Church (AMEC) kwa Digawana, e eme le banana jaaka ba le mo kgweding ya banana kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng moruti wa kereke e, Rre Kabelo Makoba a tlhalosa fa a seegetse tiro ya Tshipi beke le beke go tsamaisiwa ka banana kgwedi yotlhe.

O tlhalositse fa a ba thusa ka ditemana tse di lebaganeng le boitsholo, bogolo jang jwa banana go rutana ka bobone ga mmogo le phuthego yotlhe.

A re go botlhoka gore dikereke di tlhoafalele botsogo jwa banana ba ba yang dikerekeng go gatelela se ba se ithutang kwa dikokelong, dikoleng le mo dipampiring gore ba bone gore le bone e le dikereke ba a kgathala.

O ne a tlhalosa fa kereke ya bone e tswa kgakala e kgathala ka botsogo jwa banana, ka ba na le mekgatlho ya botsogo e e rutang ka boikgapho, boimana, HIV/AIDS le tse dingwe.

A re o ba file gape le letsatsi la Matlhatso gore ba kopane e le banana fela gore ba kgone go abelana ka tsa botsogo ba phuthologile.

“Ka Matlhatso go kopana bone fela, ka ke akanya gore fa e le bone fela ba ka bua ka tsa botsogo di akaretsa HIV/AIDS ka phuthulogo jaaka e le kgwedi ya bone,” ga gatelela Moruti Makoba.

Fa a atswa la gagwe, monana mo kerekeng eo, Mme Tshepiso Ramotantile, o tlhalositse fa ba setse ba ithutile go le gontsi ka tsa botsogo mo bokopanong jwa Matlhatso, mme thuto ya bone ba e abelana le bagolo ka Tshipi gore e nne mhago go ya kwa baneng ba ba setseng kwa lapeng.

O tsweletse ka go re Matlhatso a bofelo a kgwedi ba solofela go laletsa ba botsogo go tla go ba fa go le gontsi le go ba kgothatsa mo go ikgapheng mo maitsholong a a borai a a ka ba gogelang gore ba tsenwe ke bolwetse jwa HIV/AIDS.

“Go na le bomaitseanape ba banana mo kerekeng ya rona ba ba itseng go le gontsi ka tsa botsogo, mme re eletsa gore Matlhatso a bofelo ba patwe ke ba botsogo go tswa kwa kokelwaneng ya Digawana go abelana le rona go le gontsi,” ga bua Mme Ramotantile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Randy Kgosinkwe

Location : DIGAWANA

Event : Potsolotso

Date : 22 Mar 2017