Maduo a sekole ga a amane le lefelo
23 Mar 2017
Go le gantsi batho ba dumela mo goreng ngwana o ka bona thuto e e lolameng fela fa a tsene mo dikoleng tsa sekgoa, kana a le mo mafelong a a nang le ditlamelo, segolo jang mo metseng e metona, seo se bo se rotloetsa boitseme jwa go dira ka natla ga bodiredi go ntsha maduo.
Bosheng jaana mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, mo motsaneng wa Diloro dikhilomithara di ka nna masome a supa mo bokone jwa Palapye go ne go le boitumelo jo botona fa batsadi, baratubana le bana ba sekole ba ne ba itumelela maduo a lekwalo la bosupa.
Sekole sa Diloro se na le baithuti ba le lekgolo, masome a matlhano le borobabongwe.
Fa a tlhalosa ka fa dikole di agilweng ka teng ka setlhopha sa kgaolwana ya thuto, Mogokgo Esther Molelo o ne a re sekole seo se simolotse go tsaya baithuti ba ntlha ka 1989, se le mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole jwa Palapye Bokone, mo kgaolwaneng ya Palapye e e nang le dikole tse dipotlana di le masome mararo le bosupa, se wela mo kgaolwaneng ya MOKGADI.
Kgaolwana ya MOKGADI, e bopilwe ka metse e le meraro ebong Mogapinyana, Kgagodi le Diloro.
Sekole sa Diloro se gaisana le dikole di le lesome le boferabongwe tsa kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikole, se bo se wela gape mo palong ya dikole tsa kgaolo ya Legare tse di makgolo mabedi, masome a matlhano le bosupa, seo se bo se se baya mo maemong a sephatlo mo lekgolong sa dikole tse di dirileng sentle mo kgaolong yotlhe.
Ba sekole sa Diloro ba bonye maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di phadisanang le sone, sa bona maemo a ntlha mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole, sa bo sa bona maemo a ntlha mo dikoleng tsa kgaolo ya Legare, tsotlhe di kopane ka go tsaya maemo a ntlha a lekwalo la bosupa ka 93.3 mo lekgolong.
Go ne go kwala baithuti ba le lesome le botlhano, ba le lesome le bongwe ba tsaya letshwao la ntlha (Grade A) fa ba le bararo ba bone (Grade B) ba latelwa ke a le mongwe ka (Grade C).
Mo go bone Lerato Kebaabetswe o kgonne go tsaya (Grade A) mo dipampiring tsotlhe tse a neng a di kwala di supa.
Mogokgo o ne a supa fa botsadi jwa motse wa Diloro bo tshwaraganetse thuto ya bana le barutabana ka ditsela tsotlhe, a re seo ke sengwe sa tse di rotloetsang barutabana go dira tiro e ntle kwa sekoleng.
Mme Molelo a re moono wa sekole ke gore go nne le lenaneo la puisano le bodiredi, bana le bogogi jwa sekole gore barutabana ba ikutlwe ba gololesegile go dira tiro ya bone ka kemo nokeng ya gagwe, a itebagantse segolo bogolo le botsogo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi.
Se sengwe gape ke tshwaraganelo megopolo e e ka tswang ka maduo a a botoka, jaaka ba dumela mo goreng ngwao ya sekole ke gore bana ba bale thata mo sekoleng le kwa lapeng ba thusiwa ke botsadi.
Mogokgo a re seo se thusa thata gore ba tle ka maduo a a nang le boleng, a re segolo bogolo motho yo o rutang bana ba lekwalo la bone go ya kwa go la bosupa ene o tlhoka kemo nokeng e e tseneletseng go dira ka natla.
Mme Molelo a re ene le barutabana ba gagwe ba dumela mo go supegetsaneng diphoso kwa ntle ga poifo, a re seo se ba a ba berekela ka e bile se agile motheo wa motia wa kgodiso ya ngwana.
Sekole sa Diloro ke sengwe sa ntlha go simolodisa dithuto tsa bananyana ka 2014, mme morutabana yo o rutang bana bao ke yo o nang le dithutego tse di kwa godimo tsa degree.
Mme Molelo a re le fa letlhoko le le teng ga le bakgobe marapo ka ba sokola ka mo go tweng go neela bana thuto ya boleng jo bo kwa godimo.
Morutabana wa lekwalo la bosupa, Rre Rebaone Mosarwa e ne ya re a tswa la gagwe a supa fa go ruta bana ba lekwalo la bosupa e le kgwetlho, mme fela a re go tlhoka boineelo le kemo nokeng ya bodiredi jotlhe le ba e seng barutabana tota.
A re o ne a le teng go neela bana tse ba di tlhokang le go ba rotloetsa, fa tiro yone e ne e dirwa ke bana ka go ithuta ka ditlhophana, kwa malapeng le mo sekoleng.
A re ba ne ba dira jalo ka go tlhopha bana ba ba tshwarang ka bonako ba bo ba ba golaganya le ba ba tshwarang ka bonya mo ditlhopheng, a re seo se ne sa ba berekela.
Rre Mosarwa a re go nna teng ga motlakase mo sekoleng le gone go a thusa ka ba kgona go bala go fitlhelela bosigo le gone ka mafelo a beke tota.
Mogolwane wa khamphani ya Stanlib Investment, Rre Moarabi Mariri o ne a gatelela botlhokwa jwa barutabana ba dikole tse dipotlana a re ke bone batho ba ba botlhokwa thata mo go ageng bana go tswa kwa moding. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : DILORO
Event : Potsolotso
Date : 23 Mar 2017






