Breaking News

Kereke ya Roma e aba ntlo

21 Mar 2017

Moruti Jeremiah Mkhwanazi wa kereke ya Roma a re kereke e tlamega go supa lerato la Modimo ka ditiro.

 “Ke ka moo kereke ya Catholic e thusang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.”

Moruti Mkhwanazi o buile jalo fa kereke ya Roma  e ne e abela  ba lelwapa la ga Mme Mmadijo le Rre Annes Gaebalwe ntlo e e agilweng ke mokgatlho wa kereke eo wa St Vincent de Paul-Christ the King Cathedral Conference o itshwaragantse le Bomme ba Ga Anne kwa Hukuntsi bosheng.

 A re kereke e tlhabolola matshelo a batho ka ditiro tse di farologanyeng, mme a kgothatsa maRoma go tswelela ka go abela ba ba ’kobo dikhutshwane, a re se e seka ya nna sewelo fela.

E rile a tswa la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho wa St Vincent de Paul-Christ the King Cathedral Comference, Mme Magdeline  Setsetse  a re e rile ba etetse mo Hukuntsi ka 2014 ba lemoga botlhoki jwa  ba lwapa loora Gaebalwe mme ba itlama go ba agela ntlo, ka ntlo e le nngwe ya dilo tse di fang motho seriti. 

Mme Setsetse o ne a bua gore e rile ba le mo letsomong la go batla dithuso tsa madi go simolodisa kago ya ntlo e, Bomme Ba Ga Anne ba ba tla matshidiso fa le bone ba lemoga go tlhokega gore ba agele ba lelwapa la ga Gaebalwe ntlo.

Mme Setsetse a re thuso ya bone ga e a ka ya felela ka go agela  ba lelwapa loora Gaebalwe ntlo ka ba ile ba  bona letlhoko la go godisetsa bana mo tikologong e e siameng gore ba kgone go dira sentle mo dithutong.

Ke ka moo ba neng ba tsaya bana ba le bane go tswa mo lelwapeng leo le bana ba le bararo go tswa mo lelwapeng lengwe mo Hukuntsi mme ba ba  tsenya sekole kwa Gaborone.

Mme Setsetse a re bana ba ba filwe boroko kwa dikagong tsa St Vincent De Pa-Christ the King Cathedral Conference mme ba ba duelela sekole se go ba fa tsotlhe tse ba di tlhong jaaka diaparo le dijo le go ba rekela paka ya sekole.

 O tlhalositse  gore ngwana mongwe go tswa mo lwapeng la ga Mme le Rre Gaebalwe  o pasitse sentle ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro mme o tsweledisa dithuto kwa sekoleng se segolwane sa St Joseph a dira mophato wa bone.

Go ya ka Mme Setsetse mokgatlho wa St Vincent de Paul-Christ the King Cathedral Conference o simolotse o bidiwa Moitshepi Vincent de Paul, mme o  simologile kwa France kwa toropong ya Paris ka 1866 mme wa tla mo Botswana ka bo 1960. 

A re mokgatlho wa Vincent de Paul ke leloko la United Nations NGOs go simolola ka 2015.

E  rile a leboga, Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi a re o itumeletse bopelontle jo bo supilweng ke  St Vincent  de Paul le Bomme ba ga Anne ka mpho e ba e abetseng boora Gaebalwe, mme a kopa ba lelwapa la ga Gaebalwe gore ba tlhokomele ntlo e  le gore ba seka ba e rekisa ka e le sesupo sa lorato la Modimo go tswa mo kerekeng ya Catholic. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bojotlhe Kavari

Location : HUKUNTSI

Event : Kabo ya Ntlo

Date : 21 Mar 2017