Go tlhokafetse ba le batlhano
21 Mar 2017
Batho ba le batlhano mo go bone go le basadi ba le bane le monna ba tlhokafetse mo dikotsing tsa tsela bosheng.
Mogolwane wa mapodisi a Dibete, Superintendent Phineas Makwaeba o boletse mo potsolotsong le BOPA gore basadi ba le bane ba tlhokafetse fa khombi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikiloga mo tseleng ya A1 gaufi le Mmamabula bosheng.
A re mo bathong bao, ba ba neng ba le lesome le bone ka mokgweetsi go tlhokafetse batho ba le bane fa ba le lesome ba robaditswe mo kokelong ya Mahalapye ka dikgobalo tse di farologanyeng.
Superintendent Makwaeba o tlhalositse fa batho bao, ba diragaletswe ke kotsi eo fa ba ne ba tswa kwa Kgatleng ba ya lonyalong kwa Bobonong.
A re mokgweetsi o ne a latlhegelwa ke taolo, mme khombi ya tswa mo tseleng, ya bo ya pitikologa motshegare ka nako ya lesome le bobedi.
Mo Mahalapye mogolwane wa mapodisi a pharakano, Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni, o bolela fa ba tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le botlhano wa Malotwane kwa Kgatleng, a tlhokafetseng a sena go welwa ke terekere ka Labotlhano wa beke e e fetileng kwa Capricon.
Assistant Superintendent Sechoni o boletse mo potsolotsong gore moswi o ne a le mo tirong ya go kgweetsa terekere e e kgaolang bojang mo tseleng ya A1, mme ka go tlhoka lesego terekere ya relela,mme ya pitikologa go fithelela e mo wela fa godimo.
A re ka nako ya tiragalo eo, moswi yo maina a gagwe a sa ntseng a lobilwe go fithelela ba masika ba itsesiwe, o ne a le nosi mo tirong, mme a bolela fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ke batho bafeti ka tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 21 Mar 2017






