Banana ba kgothadiwa go anya dikitso mo bagolong
21 Mar 2017
Rre Blackie Tjikaka wa kgotla ya Mabudutsa kwa Maun o kgothaditse banana go anya dikitso mo bagolong gore ba itshetse ka tsone le gore di seka tsa nyelela.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Tjikaka wa khamphani ya Ungura Investment a re go botlhokwa gore kitso e seka ya nyelela gore dikokomanei le tsone di tle di kgone go ithuta le go itlhamela dikgwebo jaaka ene a kgonne go itlhamela ya gagwe.
Rre Tjikakaka yo o dingwaga tse di masome a supa le bongwe, a re khamphani eo e tiro ya yone e leng go baakanya ditlhobolo, o e simolotse dingwaga tse di masome a mararo tse di fetileng morago ga gore a tsee botsipa le dikitso tsa go baakanya dithobolo mo bagolong ba gagwe, selo se a reng se fetotse botshelo jwa gagwe.
Rre Tjikaka a re kitso e a e tsereng mo bagolong ya go baakanya ditlhobolo e mo thusitse ka jaana a kgonne go ithekela sejanaga ka madi a go baakanya ditlhobolo, a re bonnyennyane jo bongwe o kgona go bo boloka.
“Ke gakgamadiwa ke banana ba ba kailang mo mebileng le go nwa nnotagi ba re ga ba na se ba se dirang, mme nna ke tlhola ke le nosi ke baakanya ditlhobolo mme ga go ise go tle ope wa monana a re o batla go ithuta go baakanya ditlhobolo,” ga bua Rre Tjikaka.
Rre Tjikaka a re mo dingwageng tse di fetileng o ne a kopana le molaodi wa pele wa Bokone Bophirima, mme a mo rekisetsa mogopolo wa gore o batla gore fa go na le banana ba ba ipopileng setlhopha mme ba na le kgatlhego ya go ithuta go baakanya ditlhobolo o ka dira jalo mme molaodi o ne a rata mogopolo oo.
O supile fa kgwebo eo e ne gape ya rotloediwa ke lorato la ditlhobolo, a re ba ne ba na le ditlhobolo tse tharo mo lwapeng mme o ne a di dirisa thata mme a felela a nna le botsipa jwa go baakanya ditlhobolo.
“Nako nngwe ke ne ka isa tlhobolo ya me gore e ye go baakanngwa kwa khamphani nngwe e e neng e baakanya ditlhobolo mme ba ne ba tsaya lobaka go e baakanya, mme ke ne ka ya go e tsaya ka e ipaakanyetsa, selo se se dirileng gore ke lemoge gore kitso le lorato ke tsone konokono ya go itshimololela kgwebo,” ga bua Rre Tjikaka.
A re o kgona go baakanya ditlhobolo tse pedi go ya kwa go tse tharo ka letsatsi mme a dire madi a a kanang ka P5 000 tlhobolo e le nngwe.
“Ditlhwatlhwa tsa me di farologana go ya ka gore ke baakanya tlhobolo ya mofuta ofe le gore tlhobolo e senyegile jang, gape ke kgona go buisana le motho mme go bona gore ene o ka kgona go ntuela bokae,” ga bua Rre Tjikaka.
A re o dirisa setlhare sa motswere le mosu tse a di remang mo tikologong ya Maun mme a re o lemoga gore go rema ditlhare ga go a siama mme ene ga a ke a rema ditlhare tse dintsi ka ga a tlhoke legong le lentsi.
O akgotse ba sepodisi sa Botswana ka thuso e ba mo e neelang, ka gore ope yo o sa mo dueleng go mmaakanyetsa tlhobolo o begela mapodisi go mo tswa thuso.
“Gantsi ke baakanya ditlhobolo tsa balemi-barui ba gape ba kgonang go ntuela ka leruo, selo se gape se mperekelang ka gompieno ke na le moraka,” ga bua Rre Tjikaka.
O ne a kopa botlhe ba ba nang le ditlhobolo go di baya mo mabolokelong a a nnang a lotletswe go itsa dikgang tse gantsi bana ba tsayang tlhobolo ba sa letlelelwa mo ba felelang ba e dirisa botlhatswa, selo se a reng se diphatsa.
“Nna ke tlhaloganya gore tlhobolo ke selo se se borai fela thata, tsa me le tsone tse ke di baakanyang ke nna ke di lotleletse gore ope a seka a tsena mo ntlong a itseela tlhobolo ke sa mo letlelela,” ga bua Rre Tjikaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 21 Mar 2017






