Breaking News

Kgaolo ya Kgatleng e amilwe ke bolwetse ba Letshoroma

21 Mar 2017

Kgaolo ya Kgatleng e amilwe ke bolwetsi jwa letshoroma jo bo tlwaelesegileng ka leina la Malaria.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA, moemedi go tswa ko lekgotleng la Kgatleng District Health Management Team, Rre Kenosi Mogorosi o boletse fa lefatshe leno le itemogetse bolwetsi jwa letshoroma a tlhalosa fa le mo kgaolong ya Kgatleng bo amile mengwe metse.

O boletse fa go le gantsi bolwetsi joo bo ama dikgaolo tsa Okavango, Bobirwa le Chobe a tlhalosa fa ba itemogetse gore mo nakong ya gompieno ga go a nna jalo ka le mo kgaolong ya bone bo le teng.

O tlhalositse fa bolwetsi joo bo amile dikgaolo tse di akaretsang Kgalapitse e e mo kgaolong ya Oodi, Dikgonnye, Malolwane, Leshibitse, Artesia, Sekotlong a tlatsa ka gore bontsi jwa mafelo a a amegileng ke masimo le meraka.

Rre Mogorosi o boletse fa ba lemogile gore bontsi jwa mafelo a a amilweng ke bolwetsi joo ke a e leng gore a na le metsi a le mantsi, go epilwe le mahuti le tlhaga e ntsi.

O supile fa mo kgaolong ya Kgatleng bolwetsi jwa letshoroma bo amile batho ba le lesome le borobabobedi a tlhalosa fa ba ise ba nne le dintsho dipe.

A re e le ba lephata la botsogo ba tsibogetse bolwetsi joo fela thata a tlatsa ka gore ba tsamaya le metse, meraka le masimo a a amegileng go neela batho kalafi le go tlhatlhoba bao ba ba sa amegang.

O gwetlhile setshaba go bona ba bongaka fa ba na le dikai tsa letshoroma tse a boletseng fa e le tlhogo e e opang, sedidi, go tshabelelwa ke serame, mala a a botlhoko le go tsewa ke sedidi.

O tsweletse a tlhalosa fa e se lantlha kgaolo ya Kgatleng e amiwa ke bolwetsi jwa letshoroma, mme o supile fa dipalo tsa teng e ne e se tse di tshosang thata a tlhalosa fa ngwaga ono dipalo tsa teng di le ko godimo fa a tshwantshanya le dingwaga tse di fetileng.

A re mo dingwageng tse di fetileng, ba lemogile fa bontsi jwa batho ba ba neng ba amiwa ke bolwetsi joo ke ba ba neng ba tswa ko mafatsheng a a bapileng le lefatshe leno a tlatsa ka gore ba lemogile fa mo bogompienong ba itemogetse gore ba ba amegileng ke beng gae fela ebile ba ise ba etele mafelo a a tlwaelesegileng ka bolwetsi joo.

O supile gape gore ba tlhatlhoba batho botlhe ba ba etetseng mafelo a a tshwanang le Kasane le Maun go netefatsa gore ga ba na bolwetsi gore ba tle ba bone kalafi ka bonako.

O ne a wetsa ka go rotloetsa setshaba go phepafatsa tikologo go hema gore montsana o seka wa nna teng a tlatsa ka gore bolwetsi jwa letshoroma bo a alafesega mme o ne a rotloetsa setshaba go bona ba bongaka fa ba belaela gore ba na le bolwetsi joo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 21 Mar 2017