Banana ba itumedisa le-butswa-pele
21 Mar 2017
Banana ba mokgatlho wa Mahube mo motseng wa Lejwana, ba itumedisitse Mme Jankie Mokalabai ka go mo abela ntlwana ya boitiketso le go mo rekela dikuku (cakes) tse pedi tsa borotho jaaka a ne a ipelela dingwaga di le lekgolo le bongwe a le mo botshelong.
E rile a bua kwa moketeng o o neng o rulagantswe ke bone banana ba Mahube bosheng, moemedi wa mokgatlho o, Rre Meshack Otukile, a re o itumetse go menagane gore e bo ba kgonne toro ya bone ya go itumedisa bagolo ba motse oo.
O tsweletse ka gore ba tlhophile Mme Mokalabai ba lebeletse gore ke ene mogodi yo o dingwaga di kwa godimo fa a kopanngwa le ba bangwe.
A re ba itlamile go dira ditiro tsa boithaopo mo motseng oo, go supa moya wa bojammogo, mme ebile ba remeletse mo bagoding, ba-na le bogole, le bana ba ba tlhaetseng dikotla tsa mmele.
Rre Otukile a re o dumela fa ba tsile go akola masego le matlhogonolo a ba a tsayang mo bagoding ba motse wa bone, ka a dumela gore fa monana a itumedisa mogolo, o tshologelwa ke matlhogonolo.
A re ba agetse Mme Mokalabai ntlwana ya boitiketso ka ba ne ba lemogile a e tlhoka gape ba rotloetsa bophepa.
“Re ne ra lemoga fa Mme Mokalabai a tlhoka ntlwana ya boitiketso, mme ra e aga gore re mo e abele ka letsatsi la matsalo a gagwe,” ga tlatsa Rre Otukile.
O tlhalositse fa ntlwana e, e ba lopile madi a a ka tshwarang P3500 gore e bo e kgonne go fela, mme ba boa ba reka dikuku tse pedi tse ditona tsa borotho tsotlhe di lopa P560 gore di jewe ka letsatsi la mokete.
E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Gathwane-Mogojogojo, Rre Beach Mooketsane a rotloetsa banana ba kgaolo ya gagwe go tswelela ka go nna pelo telele le go supa lorato mo bagoding.
O rotloetsa banana go ikgapha mo nnotaging gore le bone ba kgone go tshwara dingwaga tsa ga Mme Mokalabai.
O tswelela ka go gakolola bagodi ba ba neng ba tsene mokete oo go rekegela botsogo jwa bone ka goja dijo tse di siametseng mebele ya bone, go itshidila mebele le go nwa metsi a mantsi go akola dingwaga tsa botshelo.
“Ke le rotloetsa go ne le itshidila mmele, re fokotse mahura a mantsi mo dijong, gape le nwe metsi a mantsi ka gore letsatsi le le bogale,” ga bua Rre Mooketsane.
Fa a tswa la gagwe Mme Mokalabai o ne a tlhalosa fa pelo ya gagwe e tletse ka boitumelo,e bile a lebogela mpho ya ntlwana ya boitiketso ga mmogo le dikuku tsa borotho tse di natifitseng moketete wa gagwe jaaka a ipelela dingwaga di le 101.
“Ke leboga go menagane bongwanake, dimpho tse tsotlhe di raya go le gontsi mo go nna, e kare Modimo o ka le segofatsa a le okeletsa malatsi a botshelo,” ga bua Mme Mokalabai. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Randy Kgosinkwe
Location : LEJWANA
Event : Mokete wa Banana ba Mokgatlho wa Mahube
Date : 21 Mar 2017






