Kgosikgolo o eletsa go tswala mabitla
21 Mar 2017
Kgosi Kgari III wa Bakwena o lekodisitse morafe ka keletso ya go tswala mabitla a Masu-a- ditshwene kwa Molepolole ka go bo a setse a tletse.
E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, kgosi a re, e re ntswa a dumela fa seemo se sa nna sentle kwa mabitleng ao, maikaelelo a gagwe a buseditswe morago ke bogakolodi jwa khansele go bona se se ka dirwang fa thulaganyo ya go sika lefelo la sennela ruri e tsweletse.
O kopile morafe go dirisa mabitla a mangwe a a sa tlalang fa go santse go letilwe go wediwa ga thulaganyo ya lefelo le lesha la mabitla.
Kgosi o supile fa a tshwenngwa ke ba ba itshukunyetsang le ntswa seemo se sa nna sentle kwa mabitleng ao.
E re le fa go na le gore go ka dirisiwa mabitla a mangwe a a teng mo motseng, kgosi o ntshitse matshwenyego ka go sa tlhokomelesegeng ga mabitla, a supa fa morafe o sa dire sepe go tlhomamisa bophepa kwa lefelong leo.
O ne a rerisana le morafe gore khansele e fiwe boikarabelo jwa go tlhokomela le go tsamaisa mabitla, a supa fa mabitla a felela a tlala ntswa go santse go na le diphatlha fa gare e ele ka go sa dirisa lefatshe sentle.
Kgosi o supile matshwenyego ka kgolo ya botlhokatsebe jwa bana mme a kopa batsadi go tsaya boikarabelo ka go emela seemo se ka dinao.
Rre Scotch Motsaunyane wa khansele ya Kweneng, o lekodisitse fa khansele e tshwaraganye le lekgotla la kabo ditsha, e dirile kgatelopele ka go sika lefelo le Bakwena ba ka bolokelwang mo go lone kwa bokone jwa motse, gaufi le Suping ka go lemoga fa seemo se tlhoka go potlakelwa.
Le fa gontse jalo, Rre Matsaunyane o gateletse mafoko a ga Kgosi Kgari gore morafe o dirise mabitla a a teng jaaka a Garanta, Ntloedibe le Lekgwapheng a go kaegang fa a a ka dirisiwa fa go santse go letilwe tharabololo.
O kopile morafe go leta tharabololo ya mabitla a Ratlhomelang a tiriso ya one e buseditsweng morago ke dikgogakgogano tsa lefatshe le leneng le siketswe mabitla ka jaana e santse ele fa pele fa makgotla a ditsheko.
Rre Motsaunyane one a itsese morafe gore fa khansele e tsaya boikarabelo jwa tlhokomelo ya mabitla jaaka bangwe ba eletsa go ka thusa go a thokomela mme bothata e ka nna gore taolo e tlaabo ele mo khanseleng morafe o sa itaolole go bapisa masika jaaka e le tlwaelo.
Rre Matsaunyane o tlhalositse fa khansele e ise e ipaankanyetse thulaganyo ya go tsaya boikarabelo jwa tlhokomelo ya mabitla mme a solofetsa fa ntlha eo etlaa lekodisiwa bogogi go e ipaakanyetsa.
A thulaganyo eo e ka tla ka tse di molemo jaaka go babalela lefatshe, mme e tlaa nna le ditlamorago jaaka go lopiwa dituelo ka mabitla a tlaabo a epiwa ke khansele.
Kgosi Motshegetsi Bakwena ene o supile fa a tshwentswe ke go bo morafe o tsweletse ka go boloka motshegare a re seo se kgatlhanong le ngwao mme a kopa kgosi kgolo go rotloetsa morafe go boela mo ngwaong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitseone Tlhware
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 21 Mar 2017






