Mapodisi ba tlhotlhomisa loso
21 Mar 2017
Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa loso lwa monna wa dingwaga tse di masome mararo le bone yo go belaelwang a nwetse mo nokeng kwa Chanoga.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi wa Maun, Rre Motlhaba Ramaabya o tlhalositse fa go ne ga begelwa mapodisi fa rre yoo wa meraka ya Qwee a sa bonwe bosigo ka Matlhatso.
Rre Ramaabya o tlhalositse fa ba sepodisi le sesole ba ne ba phakelela go mmatla mme ba kgona go mmona a setse a kokobetse fa godimo ga metsi ka Tshipi .
O tlhalositse fa moswi a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa Maun kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
O ne a gakolola setshaba go ipabalela le go nna podi matseba ka e le nako e dinoka di tshelang ka yone.
Rre Ramaabya o gakolotse setshaba go re ba ba sa itseng go thuma ba nne ba tsamaya le ba bangwe go ba tswa thuso fa go nale kotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 21 Mar 2017






