Breaking News

Lenaneo la ditlhabololo tsa Gaborone le rotswe

21 Mar 2017

Mogolwane wa Khansele ya Gaborone, Rre Nathaniel Maphoto, o roletse makhanselara a Gaborone lenaneo la ditlhabololo tsa Gaborone (Urban Development Plan IV 2017-2023) la dingwaga tse thataro.

Fa a rolela Khansele ya Gaborone pego ya lenaneo leo, ka Laboraro, Rre Maphoto o nankotse dikgang tse di amang tlhabolologo ya toropokgolo le gore di tla rarabololwa jang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11, fa madi a lekane.

Rre Maphoto o tlhaloseditse makhanselara a Gaborone gore lenaneo le, le tla akaretsa go ntshafatsa ditsela tsa toropokgolo gammogo le goketsa matlo a bodiredi ba puso.

Le fa go ntse jalo, makhanselara mangwe a supile fa ba sa itumelela gore dingwe tsa dikopo tsa bone, tsa ditlhabololo, ga di a akarediwa mo lenaneong.

Fa a akgela, Mokhanselara wa Marulamantsi, Rre Sergeant Kgosietsile, o tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke gore bontsi jwa dikopo tsa bone ga di a akarediwa mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11.

“Ditsela, dipone tsa mo mokgwatheng gammogo le matlo a bodiredi ba puso ga di tlamelwe le go baakangwa ka nako.

Toropokgolo le yone e ntse lefifi fela, e kare ga se toropokgolo,” ga bua Rre Kgosietsile.

Mokhanselara wa Selemela, Rre James Matlhogojane, ene o supile ngongorego ya gore ga ba aka ba fiwa nako gore ba akgele mo lenaneong le pele le ka wediwa.

A re ba gakgamadiwa ke go bona fela ba setse ba le rolelwa le wetse.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Rhoda Sekgororwane, yo e leng mokhanselara wa Tlogatloga, o kgadile a sa kgwe mathe seemo sa ditsela tsa toropokgolo, a re bontsi jwa tsone di tletse dikhutikhuti fela.

Mme Sekgororwane a re o tshwenngwa gape ke gore banana ba lebaganwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la ditsha tse ba ka direlang dikgwebo mo go tsone, ntswa goromente a dirile lenaneo le ka lone ba ka thusiwang ka madi a go itshimololela dikgwebo.

Le fa go ntse jalo, Mokhanselara wa Tlogatloga o lebogetse gore goromente o ntshitse madi a Bonnington Farm.

Mo godimo ga moo, o rotloeditse gore mananeo a nyeletso lehuma a leke go tsenngwa leitlho go netefatsa gore a diragadiwa sentle ka fa go tshwanetseng a re bontsi ba one a saletse ko morago.

Mme Batlhalefeng Letlhage, yo e leng Mokhanselara wa Block 6 le Block 7, ene o supile fa a sa itumedisiwe ke gore ba sale ba kopile go agelwa sekole se se botlana mo kgaolong ya gagwe, mme kopo ya bone e tsaya lebaka go diragadiwa.

Mme Letlhage o gateletse gape gore batho ba mafelo a Block 6 le Block 7 ba tshelela fela mo lefifing, ka go sena dipone tsa mo mekgwatheng, a tlatsa ka gore kgaolo ya gagwe e tlhokana gape le go agelwa kokelwana.

Mokhanselara wa Diphetogo ene, Rre Tshepo Moloko o kgadile mogopolo wa gore barutabana ba ka agelwa matlo a bonno mo mafelong a mo tikologong ya Gaborone, jaaka Mogoditshane le Tlokweng.

Rre Moloko a re selo se, se ka kgoba barutabana marapo ka jalo ba ka se kgone go dira tiro ya bone le go thusa bana ba dikole ba phuthulogile ka ba tlaabo ba nna kgakala le dikole tse ba rutang mo go tsone.

A re ba agelwe matlo a matlhatlhaganyane mo dikoleng gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bone ba phuthulogile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 21 Mar 2017