Breaking News

Go tlogela bana ba dikole ba le nosi go borai

20 Mar 2017

Go tlhoka go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ga baithuti go tlhalosiwa go ba baya mo diphatseng.

Go tlhalositse jalo morutabana wa maemo a magolwane ko sekoleng se segolwane sa Moruakgomo mo phuthegong ya batsadi le barutabana ko sekoleng seo ko Molepolole.

Rre Tshepiso Simane o tlhalositse jalo fa a bua ka boitshwaro jwa baithuti ba sekole seo mo phuthegong.

A re le fa boitshwaro jwa baithuti bo le botoka, matshwenyego a bone mo nakong eno ke dikgang tsa go tlhoka go tsena sekole sentle le go nyelela ga baithuti ba tlogela sekole.

O tsweletse a supa gore mo nakong eno ba  mo patlong ya baithuti ba le babedi, mme a re go dingalo go latedisa baithuti bao ka batsadi ba sa dirisanye le bone.

Morutabana Simane o tlhalositse gore go tlogela bana  ba le nosi ga batsadi ka go nna ko ditoropong le ko masimong ba patikwa ke mabaka a botshelo ga go a siamela bana a re ga go na yo o elang tlhoko gore bana  ba tsena sekole sentle, ba dira tiro ya sekole le tse dingwe.

A re bangwe ba baithuti ba ba nnang ba le nosi ga ba bone tlhokomelo e e rileng ka bangwe ba  ya sekoleng ba sa ipaakanya sentle ka jalo ba  sa lebege botoka mo gongwe ba aperwe ke letlhoko.

O tsweletse a tlhagisa batsadi go seka ba tlogela bana  ba le nosi ka jaana se a re se ba baya mo diphatseng tsa go diriswa botlhaswa ke baagisanyi le masika.

A re go ikgatholosa ngwana o mo tsetse ke molato mme a gwetlha batsadi go seka ba itlhokomolosa bana.

Go tlhoka tlhokomelo ya batsadi, Rre Simane o tlhalositse gore ga go ame boleng le boitshwaro jwa bana fela, a re seo se ama le dithuto tsa bana tota, a tlhalosa fa se e le sone se dirang gore sekole seo se bo se sa ntse se gatisa maduo a a ko tlase.

O tshwaetse gore sekole sa Moruakgomo se tsere maemo a masome a mabedi le boraro mo dikoleng tse di masome a mabedi le bone tsa kgaolo ya Kweneng, mme se se supa gore se gaisitse sekole se le sengwe mo kgaolong eo.

Mo tekodisong ya gagwe, mogokgo wa sekole seo Mme Lenthaletse Galeitse o tlhalositse gore ba itemogetse go tlogela sekole ga baithuti ba le lesome mo setlheng sa bofelo sa ngwaga mme a re bontsi ba palo e e ne e le baithuti ba mophato wa boraro.

A re bangwe ba tlogela sekole ba fedisiwa pelo ke dithuto tsa tiro ya diatla mme a rotloetsa batsadi go kgothatsa bana go nna le boitshoko le lorato mo tirong ya bone ya sekole.

Fa a bua ka maduo a a sa nametseng a sekole seo, mogokgo o gwetlhile batsadi go dirisanya le barutabana go leka go tokafatsa maduo a baithuti.

A re sekole se ikaeletse go tokafatsa maduo  ka go simolodisa go oketsa nako ya go bala le go dira tiro ya sekole ga baithuti ba mophato wa boraro, nako e a reng e tlaa akaretsa le letsatsi la Matlhatso.

O kgothaditse batsadi go tsenya leitlho mo tirong ya bana ba bone gore baithuti ba rotloetsege go dira botoka.

Mogokgo o bile a tlhalosa gape gore khudugo ya baithuti ba  ba pasang ba isiwa ko dikoleng di sele ke batsadi ba bone go kgoba marapo baithuti ka bone ka jaana go a bo go na le ba  ba gaisanyang le bone.

Mo go la gagwe, fa a bua ka dikgang tsa madi, motshwaramadi wa sekole seo Mme Peo Badisang o tlhalositse gore batsadi ba banana ba ikgatholosa lekgetho la ditlhabololo la bana  ba bone.

A re madi a lekgetho ke makgolo a mararo a dipula mme a duelwa ngwaga le ngwaga.

O tlhalositse gore batsadi ga ba patelesege go duela madi ao ka nako e le nngwe  a re ba  ka a duela  ka go a kgaoganya.

O rotloeditse ba ba kobo dikhutshwane go itshwaraganya le ba boipelego go tlhola gore a  ba  ka se thusiwe go na le go emela nako e baithuti ba fetsang mophato wa boraro ba bo e le gone ba ikayang fa ba tlhoka thuso ya ba boipelego.

Fa a akgela mongwe wa batsadi mo go tsa lekgetho la baithuti, Mme Kabone Modise o tlhalositse fa ngwana e le sethunya mme a re se se tlhoka go nosetswa, a rotloetsa batsadi go iteka go batla madi a lekgetho ka ditsela tsotlhe go intsha ko morago.

O tshwantshitse madi a lekgetho le a metshelo e batsadi ba nnang ba e tsena e le tsela ya go itlhabolola mme a re ngwana le ene o tlhoka thotloetso ka jaana kamoso ba tlaa mo nwa moro.

Yo mongwe wa batsadi Mme Godiraone Ramontshonyana fa a akgela ka go ikgatholosa bana ga batsadi o tlhalositse gore ba tlogela bana  ba le nosi ka jaana bangwe ba  batsadi ba filwe mananeo a nyeletso lehuma, fa ba bangwe ba lemile ka jalo ba tlamega go nna ko masimong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Batsadi le Barutabana

Date : 20 Mar 2017