Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ke seemo sa letsha la Ngami

20 Mar 2017

Kgosi Kenatje Kandapaera wa Toteng mo Bokone Bophirima a re ga a robadiwe ke batshwari ba ditlhapi mo letsheng la Ngami, ka ba le leswefatsa mme e le boremelelo jwa borukutlhi.

Kgosi Kandapaera o buile jaana mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re letsha la Ngami ke noka e ba tlholegang nayo mme sebe sa phiri e le gore e tsisitse dilo tse e leng gore ga ba tlholege le tsone e bile di diga le seriti sa bone.

“Batho ba nna mo letshitshing la noka kwa ntle ga teseletso ya ba molao ba tsoma ditlhapi, se se dire gore bangwe ba swele mo teng ga yone noka e ba tshaba ba molao,” a tlhalosa.

A tswelela ka gore leruo la bone le ja leswe le le dirwang ke bagwebi ba yone noka e.

A re dikhakha tse ba tsenyang dijo mo go tsone le matloa a a tshwarang ditlhapi a felela a jewa ke dikgomo mme morago di di lwatse.

Kgosi a re noka e e kile ya bo e dirisiwa ke banni ba dikgaolo tse di mo go yone go itshetsa e seng mo go diragalang mo go yone mo malatsing a.

O supa fa borukutlhi bo ile magoletsa ka bangwe ba utswa ditlhapi tsa ba bangwe mme ba felele ba lwa, bangwe ba thanye kwa kokelong.

A re bomme ba inaakantse le botshelo jo bosha jwa go nna mo letshitshing la noka go batla botshelo.

O supa fa se se ba baya ka fa mosing ka e bile bangwe ba felele ba gweba ka mmele  malwapa a bo a thubega.

O tlhalositse fa a rarabolotse dikgang tse dintsi tsa go thubega ga malwapa ka ntlha ya letsha la Ngami.

Kgosi Kandapaera a re leswe le le kwa letsheng la Ngami le tlhabisa ditlhong ka le leswafatsa kgaolo e bojanala bo e remeletseng mo go yone.

A re se se tlaa felela se koba bajanala ba re gongwe Batswana ke batho ba ba leswe e bile ga ba tlotle ditsatlholego.

A re ba molao ba leka go ntsha bagwebi ba ba mo nokeng mme ba a gana.

O ne a kopa ba molao go gagamatsa dikatlholo tsa ba ba tshwarwang ba gweba ka ditlhapi kwa ntle ga teseletso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : POTSOLOTSO

Date : 20 Mar 2017