Balemi ba akola thobo
20 Mar 2017
Jaaka e le tsholofelo gore tiro nngwe le nngwe e ntshe maduo, temo e setse e simolotse go ntsha maduo a a akolwang ke balemi ka bontsi mo kgaolong ya Kweneng le Botswana ka bophara.
Batswana ba amogetse dipula tse dinamagadi paka eno, mme se sa afa batho ka bontsi sebaka sa go itirela dijo.
Ka jalo bangwe ba setse ba akola mefufutso ya diphatla tsa bone ka letlhafula.
Mongwe wa balemi kwa Kweneng, Mme Baitiretse Moungwa ke mongwe wa ba ba setseng ba simolotse go rekisa thobo.
E rile a bua mo potsolotsong, Mme Moungwa a tlhalosa fa monongwaga a solofetse go le gontsi ka jaana a lemile thata e bile dijalo tsa gagwe di godile tsotlhe ntle le makgwere ape.
A re o setse a simolotse go rekisa ntshwe le magapu.
O tlhalositse fa a solofetse dipoelo tse dingwe mo mmiding ka le one o tlhogile ka bontsi.
O supile fa a na le tumelo e e kwa godimo ya gore ngwaga o ke o monamagadi fa o tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng.
E re ka ditoropo e le boremelelo jwa dikgwebo ka bontsi, kwa toropo-kgolo Gaborone le gone ntshe le magapu ke ntletsentletse mo thoko ga ditsela.
Mogwebi mongwe kwa Gaborone, Rre Balopi Kebareng o supile fa a setse a rekisitse gabedi selekanyo se a tleng a se rekise dingwaga tse di fetileng.
A re le fa go ntse jalo o sa ntse a solofetse go rekisa thobo e e fetang e a setseng a e rekisitse go menaganye.
Rre Kebareng a re sebe sa phiri ke gore bagwebi ba bangwe ga ba tlhokomele tikologo, ka jalo toropo e setse e sa lebege ke matlakala.
A re fa botlhe ba ka nna le seabe mo go phepafatseng tikologo e ba rekisetsang mo go yone kgwebo e ka tswelela ntle le sekgoreletsi sepe.
Batswana lefatshe ka bophara ba tsweletse ka go lebogela Ramasedi dipula tse dinamagagdi ka e le tsone motlhodi wa thobo e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Koziba Masaseng
Location : LETLHAKENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Mar 2017






