Breaking News

Lenaneo la Back-to-School le ntsha maduo

20 Mar 2017

E re ka puso e phutholotse letsogo, mananeo a monana a ka intshang mo lehumeng ka one e le ntletsentletse, banana bangwe go supa fa ba sa batle go salela kwa morago go fetola matshelo a bone.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, monana wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, Kethata Bolotsang wa Maun o supile fa lenaneo la Back-to-School le mo tlodisitse melatswana.

Mme Bolotsang o tlhalositse fa a ne a seka a dira sentle mo dithatlhobong tsa mophato wa botlhano ka 2008 mme a nna mo lwapeng a sa dire sepe ka e bile batsadi ba ne  ba se na madi a a ka mo duelelang go boelela mophato wa botlhano.

Bolotsang o kaile fa go nna mo lwapeng go ne go mo thobaetsa ka balekane ba gagwe ba ne ba setse ba fetetse kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro.

“Ke ne ka bona go le botoka gore ke batle tiro mo Shoprite go itsa go nna fela le gore ke ithekele molora le dijonyana fa kgwedi e fela” ga bua Bolotsang.

A re o ne a bereka mo mabentleleng ka go farologana mme ka 2012 a utlwalela lenaneo la Back to School ka mongwe wa ditsala tsa gagwe mme a mo rotloetsa go inaakanya le lone ka a ne a dumela fa a ka kgona go dira botoka mme a fetele kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro.

Ke ne ka ya go botsisisa ka lenaneo le kwa diofising tsa Botswana Centre for Opening and Distance Learning (BOCODOL) mo Maun mme ba ntlhalosetsa ka botlalo gore go diragala eng mo go lone.

O ne a tlhalosa fa a ne a bona go le botoka gore a tsenelele lenaneo le ka a ne a sa patelesege go duela sepe, mme e ne ya re ka 2013 a ikwadisa go boelela mophato wa botlhano mme a dira botoka fela thata mo ditlhatlhobong tsa mo a neng a kgona go ya sekoleng sa ithutelo ditiro.

“Ke ne ke itomile molomo wa tlase mo e bileng e ne ya re ditlhatlhobo di le gaufi ka tlogela tiro kwa lebentleleng le ke neng ke direla mo go lone ke ipaakanyetsa ditlhatlhobo.”

O kaile fa thotloetso ya ba lelwapa la gagwe e ne e le e e kwa godimo ka batsadi ba ne ba dumela fa a tlaa dira sentle e bile ba mo thusa ka madi a sepalamo fa a ya sekoleng.

Bolotsang o ne a tlhalosa fa a ne a dira dithuto tsa diploma in early childhood development kwa Ba Isago University.

A re o ikaelela go bula sekole se sebotlana sa bananyana ka a na le lorato mo baneng ba bannye e bile letlhoko la ditiro le ile magoletsa.

Bolotsang a re o ikaelela go dira degree mo isagong.

O gakolotse banana gore ba seka ba inyatsa kana ba reetsa batho ba ba sa ba rotloetseng ba ba kgala fela fa ba iteka, a re batsadi le bone ba eme bana nokeng mo go se ba se dirang ka seo se ka ntsha maduo a mantle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : POTSOLOTSO

Date : 20 Mar 2017