Breaking News

Ba rotloediwa go tlogela boitseme

20 Mar 2017

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaaruri Otlhogile o supile fa mananeo a puso a tshwanetse go tsamaisiwa ka matsetseleko gore a atlege.

E rile a bua kwa Botlhapatlou ka Laboraro jaaka maphata a puso a ne a isitse ditlamelo kwa bathong, Rre Otlhogile o ne a supa matshwenyego a gore bangwe ba batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso ba na le go a phuaganya fa ba lebagana le dikgwetlho, mme a tlhalosa fa ba bangwe jaaka ba ba thusitsweng ka dipodi le dikoko tsa nyeletso lehuma go tlhalosiwa fa ba atle ba di tlhabe mme ba bege fa di sule.

O ne ka jalo a kopa batho bao go somarela tse ba thusitsweng ka tsone gore di ba solegele molemo, mme a tlhalosa fa a itse ka dikgwetlho tse di ba lebaneng jaaka go diega ga didirisiwa.

Rre Otlhogile o ne gape a rotloetsa batho ba motse oo go nna ba loma ofisi ya gagwe tsebe ka bodiredi jo bo boitseme gore dikgato tse di tshwanetseng di tsewe.

A re seo e a bo e se go penta badirelapuso mme ke tsela fela ya go leka go tokafatsa ditirelo ka jaana bodiredi e le jone bo tshwanetseng go bereka setshaba, e seng setshaba se bereka bodiredi.

Mo go tse dingwe Rre Otlhogile o ne a tlhalosetsa banni fa molao o sa letle gore mmereki wa Ipelegeng o ka tshwarelelwa kwa tirong mo boseyong jwa gagwe, mme a re gantsi fa go diragala jalo e a bo e le go dirisa setho fela ka jaana Ipelegeng e se tiro epe e e rileng mme e le go thusa go tlodisa setshaba melatswana.

A re fa go tlama thata gore motho a bo a seyo mo tirong go ka dirisiwa setho ke baeteledipele ba lenaneo mme e tshwanetse go nna selo sa malatsinyana fela a a sa feteng boraro.

Rre Otlhogile o ne a tsiboga jaana morago ga matshwenyego a gore bangwe ba na le go ikwadisa mo Ipelegeng ba bo ba tshwarisa ba bangwe bone ba bereka go amogela fela.

Mo go tse dingwe, modiri mo lephateng la diphologolo le makgabisa naga, Rre Luka Lephogole o ne a tlhalosetsa banni ba Botlhapatlou fa ba tlaa tshwanelwa ke go amogela seemo sa gore ditlou jaanong di boetse mo kgaolong ya bone, mme ba ithute go tshela le tsone ga mmogo le tshenyo e di tlang ka yone.

A re fela jaaka leina la Botlhapatlou le tlhalosa, ditlou di kile tsa bo di le dintsi mo tikologong ya one mme tsa tloga tsa fuduga ka monokela mo tsamaong ya nako, mme a re go supagetse fa jaanong di ntse di boela ka bonya ka jaana ngwaga le ngwaga ka dinako tsa dipula di a tle di bonale teng.

Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola batho bao gore tlou ke phologolo e e bonolo, a ba gakolola gore fa ba di bona ba di tshose ka go di direla modumonyana o e seng wa sepe jaaka go opa diatla, mme ba seka ba nna magalamasuke mo go tsone ka di ka galefa.

O ne gape a bolelela morafe fa ba sa lebala phimolo keledi ya ba ba senyeditsweng ke diphologolo tsa naga, mme a ba kopa go nna ba ntse ba bega tshenyo gore ofisi e tle e itse gore tshenyo e kae mo kgaolong.

E rile ba tswa la bone, batho ba motse oo ba lebogela maphata a puso go ba atametsa ditlamelo, ba supa fa gantsi ba sokola ka dipalamo ga mmogo le madi go latela ditlamelo kgakala kwa Letlhakeng le Molepolole.

Tiro eo ya go isa ditirelo kwa bathong e ne ya dirwa gape kwa metseng ya Diphuduhudu, Ngware le Malwelwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose 

Location : LETLHAKENG

Event : Go isa Ditlamelo kwa Bathong

Date : 20 Mar 2017