Breaking News

O le aramele le sa go tlhabetse - Malepa

20 Mar 2017

Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa kwa Botswana College of Distance Open Learning (BOCODOL) kwa Kang,  Rre Boitumelo Malepa o  rotloeditse  banana le bagolo kwa Tsabong go ya go ikwadisetsa dithuto kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong Unified.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Tsabong bosheng, Rre Malepa o ne a tlhalosetsa ba-tsaya karolo mo go tseneletseng ka lekalana la BOCODOL, a kaya fa le le mosola ka le ka tokafatsa  maduo a dithuto tsa botlhe, bogolo jang mo go ba ba neng ba sa dira sentle mo mephatong ya JC le  BGCSE.

O kaile fa go setse go simolotse go ikwadisiwa mme go tlaa tswalelwa kgwedi eno e ya fifing fa nako ya yone e le go simolola ka ya botlhano go ya kwa go ya borobabobedi maitseboa.

Rre Malepa o boletse fa dithuto tseo di sa tlhaole.

A re moikopedi a tlhoka go tla ka setlankana se a batlang go se baakanya, a kaya fa puso e tsere boikarabelo jwa go duelela  sengwe le sengwe, a gatelela fa ba tshwanetse go le aramela le sa ntse le ba tlhabetse.

Mo phuthegong eo e e neng e tsenwe ke bontsi jwa batsadi, o ne a ba kopa go isa molaetsa oo kwa baneng, a kaya fa puso e butse dikgoro tsa go ruta le go tlhabolola setshaba mo lephateng la thuto ka mananeo a a farologanyeng.

O kaile fa diofisi dikgolo tsa BOCODOL di le kwa Kang mme di okametseng Ghanzi le Kgalagadi, a kaya fa e le tsone tse go tlaa bong go kwalelwa ditlhatlhobo kwa go tsone.

Ba-tsaya karolo mo phuthegong eo ba ne ba lebogela maiteko a puso ka BOCODOL go ruta setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine SimaneĀ 

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 20 Mar 2017