Badirelapuso ba tshwere ka natla
05 Feb 2017
E re ka bontsi jwa badirelapuso ba sena keletso ya go direla ko dikgaolong tse di tlhaelang ditlamelo, ba motse wa Inalegolo bone ga ba a nyema moko ka ba tshwere ka natla go direla setshaba.
Se se builwe ke mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Inalegolo, Rre Morgan Serame mo potsolotsong le ba BOPA bosheng. A re tirisano mmogo e e renang fa gare ga morafe le badirelapuso ke sengwe sa dilo tse di tshwanetseng go opelwa legofi ka di isa motse ko pele.
Rre Serame a re mogokgo le barutabana ba tsweletse ka go ba akaretsa mo dithutong tsa bana ba bone.
A re gangwe le gape bodiredi jwa sekole bo ba biletsa diphuthego tsa batsadi le barutabana go tla go ba lekodisa ka maduo a bana ba bone. Le fa go ntse jalo, o ne a supa matshwenyego ka go tlhoka kgatlhego ga batsadi mo dithutong tsa bana mo go felelang go isa maduo a sekole ko tlase.
A re goromente le bape fela ba ba maleba fa ba ka ema ka dinao ba bontsha batsadi mosola wa thuto go ka ntsha maduo a a nametsang.
Fa a tswelela a tlhalosa ka bodiredi jo bo itumedisang, Rre Serame a re fa bolwetse bo tlhagoga ba booki ba ba tsibosa nako e sa le teng. A re mo dipakeng tse di fetileng, baoki ba ne ba tsibogela malwetse a bana ka bofefo le mashetla a a ko godimo, mme ba boloka matshelo.
Rre Serame a re le fa banana ba le maoto a tshupa go tsaya mananeo a puso, bodiredi jwa teng bo dira go lekanye go ba kgothatsa le go thusa ba ba setseng ba tsere mananeo. O kaile fa lenaneo la LIMID le dira botoka fela thata, ka le setse le alositse bangwe mo lehumeng.
O ne a tswelela a supa matshwenyego ka fa morafe o leng maoto a tshupa ka teng go tsena diphuthego tsa motse. A re seemo se se diya ditlhabololo tsa motse go gola.
O supile fa metsi a ba a nwang a le letswai mo go sa siamelang botsogo jwa bone.
Rre Serame a re fa motlakase o ka gokelwa mo motseng wa bone go ka fehosa ditirelo. A re se se ngomolang pelo ke gore le fa dibalamakgolo di le teng mo diofising ga di tswele badirelapuso mosola ka di tlhoka motlakase go ka dira.BOPA
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : Inalegolo
Event : Potsolotso
Date : 05 Feb 2017








