Breaking News

Batswana ba araba kopo ya ga Tautona

14 Nov 2016

Mo maetong a gagwe a go lekola Batswana, Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o ne a lemoga fa go na le Batswana ba ba tlhokang bonno, dijo le diaparo.

Tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Patrick Ralotsia a re ka jalo Tautona o ne a ikuela mo Batswaneng go kopa dithuso gore ba ba batlhokileng lesego ba agelwe matlo a sennela ruri.

Tona Ralotsia o buile mafoko a fa a ne  a abela Mme Keitumetse Langwane ntlo kwa Qabo e e agilweng ke bodiredi jwa lephata la gagwe.

Rre Ralotsia o kopile Batswana go ntsha sepe se ba nang le sone go thusa ba ba tlhokang go ba agela bonno le gone go ba thusa ka diaparo le dijo.

Tona o ne akgola bodiredi jwa lephata la gagwe mo Ghanzi go bo ba tsibogetse go araba boikuelo jwa ga Tautona.
A re bodiredi  bo tlotlomaditse lephata la gagwe le ene ka sebele.

Tona  a re ka Setswana ga twe setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, mme e bile bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya ntsi, ka jalo ba tshwanetse go tshwara thata go ya kwa pele.

Rre Ralotsia a re go na le kgonagalo ya gore go nne le bangwe mo tirong ba ba sa dirisanyeng le ba bangwe fa go na le letlhoko mme a gwetlha ba ba tshwereng ka natla gore ba seka ba nyemisiwa moko ke bodiredi joo ba gatele pele.

Tona a re Batswana ba tshwanetse go nna le mowa wa neelano le bobelotlhomogi fa ba bona motho yo mongwe a sa tshele sentle kgotsa a gateletswe ke mabaka a botshelo.

Tona a re go thusa yo o tlhokileng lesego mo botshelong ke go ikokeletsa malatsi a botshelo.

A re  dikgwetlho di dintsi mme fela ga ba a tshwanela go lebelela fela ba ba sa tsheleng sentle go se na se ba se dirang go ba tswa thuso.

Tona Ralotsia a re batho ga ba lekane e se meno mme fela ba tshwanetse go leka bojotlhe go tswa ba bangwe thuso fa ba le mo letlhokong.

O ne a kopa Mme Langwane go tlhokomela ntlo eo.

A re le bone banni ba motse oo ga ba a tshwanela go fufega fa ba bona mongwe a abelwa mpho e tshwana leo.

E rile mogokaganya ditirelo tsa temo-thuo mo Ghanzi, Mme Meriam Munamava a ntsha la gagwe a tlhalosa fa ba ne ba dira madi ao ka ditsela tse di farologanyeng e bile basa ipone tsapa go fitlhelela ba wetsa tiro ya bone.

Mme Munamava a re ba ne ba tswa ka mogopolo oo ka 2014, mme ya re ngwaga ono o simolola ba ya go bona ofisi ya boipelego go ba neela leina la motho yo o tlhokang kwa Qabo.

Mme Munamava a re fa ba sena go neelwa leina la ga Mme Langwane ba ne ba simolola go aga.

A re ntlo eo e ne e agwa ke bodiredi jwa gagwe ka gore go ne go se na madi a phiro ya baagi.

Mme Munamava a re ba ne gape ba agela Mme Langwane tshimo gore a kgone  go itshetsa ka yone.

E rile a amogela ntlo eo, Mme Langwane a leboga bodiredi joo, a tlatsa ka go re ba mo tlotlomaditse ka ebile o ne a sa solofele gore nako nngwe o tlaa ipona a na le ntlo ya sennelaruri.

bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Loeto

Date : 14 Nov 2016