Banana ba itlama go tshegetsa Lejwana
13 Nov 2016
Mokgatlho wa banana kwa Lejwana mo kgaolong ya Borwa, o tsere tshwetso ya go tlhokomela bagodi, ba-na-le-bogole, le bana ba ba tlhaelang dikotla mo motseng o.
Modulasetilo wa mokgatlho o Mme Malebogo Nko o tlhalositse mo potsolotsong gore mokgatlho, o o simologileng ka Phatwe ngwaga eno, wa banana ba le masome mabedi le bongwe, o ne wa bona go le botoka go ntsha madi mo dipateng tsa bone go tlotlomatsa motse wa bone le go bona gore botsogo jwa banni bo babalesegile.
A re ba itlamile go apeela bagodi ba motse o ba ba amogelang madi a bagodi ba ba palo e masome a matlhano le bobedi dijo ba sena go lemoga fa ba tlhola ka tlala fa ba emetse dikamogelo ntswa bangwe ba bone ba sa itekanela thata.
A re ba ithaopa ka madi a a ka tshwarang P150 ka kgwedi go senka dijo tse bagodi ba ka di dirisang jaaka borotho, setampa le tse dingwe.
O tsweletse a sedimosa fa Mosupologo le Labotlhano mongwe le mongwe, ba apeela bana ba ba dikotla di kwa tlase ba le borobabongwe, gore le bone ba thuthuge.
A re ba tsaya dikgakololo mo mooking wa motse o gore ba ka reka dijo dife tse di siametseng bana ba mofuta o, mme ba dirisa P200 mo matsatsing a, ntse a tswa mo dipateng tsa bone.
Mme Nko o tlhalositse fa ba tlhokomela ba-na-le-bogole ba le lesome le bobedi, mme ba le babedi ba le mo sekoleng se sebotlana sa Lejwana.
A re ba ba tsenang sekole, ba itlamile go thusa batlhokomedi ba bone ka go ba isa sekoleng le go ba busetsa gae letsatsi le letsatsi ka dikolotsana tsa bone.
O tlhalositse gape fa ba etela kwa malwapeng go bona gore ba ka thusa fa kae, jaaka go phepafatsa le go thusa go tlhatswa diaparo.
Kgosi Neo Letlhare wa Lejwana a re ke tiro e ntle ya boithaopo, e a bonang e tlhoma motse wa bone kwa pele. A re go dingalo go dira tiro ya go tshwana le e bogolo jang o le monana o sa bereke.
O tsweletse a lelela mo banning ba Lejwana ba ba kwa ditoropong le setshaba ka kakaretso go tshologa mokgatlho o mokgosi.
A re o eme nokeng banana ba, e bile mo bogaufing mokgatlho o tlaa bo o kwadisitswe semmuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Randy Kgosinkwe
Location : LEJWANA
Event : potsolotso
Date : 13 Nov 2016






