Ba Rampodu ba akola lenaneo
10 Nov 2016
Balemi ba masimo a Rampodu a motse wa Mogorosi ke bangwe ba balemi ba ba akolang lenaneo la go agelela masimo selo se se nonotshang mohama wa temo.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, modulasetilo wa balemi ba masimo ao, Mme Tshwanelo Moabi o tlhalositse fa ba sa bolo go leta lenaneo la go agelela ka setlhopha ka lobaka mme ba itumeletse tshimolodiso ya lone bosheng.
Lenaneo le, le rotloetsa balemi go ipopa ditlhotshwana. “Re sale re letile ka lobaka go sa diragale sepe, mme ngwaga ono o simologa ba temo-thuo ba re begela fa kopo ya rona e atlegile e bile e tshwanelwa ke go simololwa,” Mme Moabi a bua jalo a supa fa dipelo tsa bone di ne tsa phophoma ka boitumelo e le balemi ba Rampodu.
O tlhalositse fa ba ne ba kopana le bogogi jwa motse bo akaretsa dikgosi le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse mme tumalanao ya nna gore tiro ya go tsenya terata e diragadiwe jaaka ipelegeng, gore babereki ba nne ba sutelelana go fa ba bangwe sebaka go oba letsogo.
A re ba simolotse go thapa babereki ba le masome a mane mme ya re fa ntse go tsweletse ba oketsa babereki go nna masome a matlhano le bobedi, selo se a tlhalositseng fa se nnile le seabe se segolo mo go thuseng malapa ka bontsi go oba letsogo go ithusa kwa malwapeng ka dikatso tse ba di fiwang.
A re go thapa palo e e kalo ya babereki go nnile le seabe go fokotsa mosuke wa banni ba ba eletsang go tsena mo lenaneong la ipelegeng mo gae mo go neng go feletsa go dira gore motho a tseye lobaka a sa bereke a sutela ba ba iseng ba bereke.
Mme Moabi o tlhalositse fa tiro e ya go tsenya terata e tsweletse ka thelelo e bile go solofetswe gore mo kgweding e ya Ngwanatsele e ya fifing tiro e bo e wetse.
O tsweletse a bolela fa ba na le tsholofelo gore mo pakeng eno ya temo maikaelelo le maikemisetso a bone a go leka go ntsha dijo tse di nametsang a tsile go atlega ka jaana ba tlaa seke ba tshwenngwe ke leruo mo dijwalong tsa bone.
“Se se tlhokafalang jaanong ke gore rona balemi ba Rampodu re ikiteye ka thupana re tsenye moko dinameng go tsaya temo ka tlhwaafalo re tlhokomele masimo a rona” a gakolola jalo a tlhalosa ka gore go agelela masimo go ka go tlisetsa thobo.
A re dijwalo di tlhokana le go tlhagolelwa mhero gore di kgatlhise e bile gape diji di tshwana le dinonyane di batla go letiwa mo go tlhwaafetseng.
Go sa le foo, Mme Moabi o bile a kgothatsa balemi ba bangwe mo kgaolong le lefatshe ka kakaretso go rwala ditlhako go akola lenaneo le la go teratela masimo.
A re fa balemi ba ka le tsaya ka tlhwaafalo e e rileng ba le akola ba ka thusa go menagane lefatshe leno go ntsha dijo tse di lekaneng mme e re kgabagare lehuma le le tseneletseng mo bathong le nyelele.
E re dikgang di eme jalo, Mme Moabi o lebogetse kemo nokeng ya balemisi ba kgaolo ya gagwe a re le mo nakong eno ba nna ka go ba etela go ba fa dikgakololo di tshwana le go dirisa methale e mesha ya temo gore ba kgone go itepatepanya le diemo tsa bosa tse mo nakong eno di sa ikanyegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgalalelo Osenkeng
Location : MOGOROSI
Event : Potsolotso
Date : 10 Nov 2016






