Ba mo letsomong la moithuti
10 Nov 2016
Mookamedi wa lephata la thuto wa kgaolo ya Borwa, Rre Acro Maseko o kopile setshaba go ba thusa mo letsholong la go batla mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi wa kgotla yooraTlagae Kwa Kanye yo o saleng a nyelela ka Labobedi (Ngwanatsele a tlhola gangwe).
Rre Maseko o buile se mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi.
A re ope fela yo o ka tswang a bone kgotsa a itse kwa mosetsana yoo a leng teng o kopiwa go ikopanya le ba ba maleba jaaka ba sepodisi go ba itsise.
Rre Maseko o tlhalositse gore mosetsana yo o ne a kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa lekwalo la botlhano, tse a di tlogetseng di ntse di tsweletse.
“Ga re lemoge sepe fela se se ka mo ntshang mo sekoleng”, Maseko o tlhalositse jalo, a tlatsa ka gore ba lekodisitse ba lephata le le okametseng ditlhatlhobo la Botswana Examinations Council (BEC) ka seemo se.
A re go dirisitswe ditsela di le mmalwa go senka mosetsana yoo, ka go botsolosa masika le ditsala mme nako kgolo ke eno.
Rre Maseko o kopile le ene mosetsana gore gongwe le gongwe kwa a leng teng a boele gae a tle go tsweledisa ditlhatlhobo fa a di tlogetseng teng, a tlatsa ka gore ba tlaa rulaganya gore a kwale tse a sa di kwalang mo ngwageng o o tlang.
O tsweleletse a tlhalosa gore e le ba lephata la thuto mo kgaolong ya Borwa, tiragalo e, e ba amile fela thata a ba a tlhalosa fa ngwana yoo ene e le mongwe wa ba ba dirang sentle fela thata mo dithutong tsa bone.
Fa a ntsha la gagwe, mmaagwe ngwana yoo, Mme Kgomotso Kelebopile o tlhalositse fa ngwana a dule mo lapeng ka Labobedi motshegare a re oya go reka moriri.
Mme Kelebopile a re fa ba tlhoka ngwana ka nako e ba e tlwaetseng mo lapeng gone ka Labobedi ba ne ba leka go mo leletsa mme ka go tlhoka lesego mogala wa gagwe o ne o timile.
A re ba ne ba leletsa masika le ditsala go mo tlhola kwa go bone mme ba supa fa ba ise ba mmone, seo sa dira gore ba begele ba sepodisi mo letsatsing le le latelang.
Mmaagwe a re se se ba hakgamaditse, ka ke ngwana fela yo o utlwang e bile a seke a tsamaela kgakala gape a seke a phirimelelwa ke letsatsi a seyo mo lapeng.
Maiteko a go tswara mapodisi a iteile se fololetse. ENDS
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 10 Nov 2016






