Breaking News

Banana ba ikanya maranyane a Facebook le Whatsapp

09 Nov 2016

Banana bangwe kwa Jwaneng ba boletse fa maranyane a Facebook le Whatsapp a le molemo thata.

Mo potsolotsong, ba ne ba ntsha dintlha di le mmalwa tse ba kaileng fa e le tsone tse di dirang gore ba lemoge botlhokwa jwa maranyane a.

Mongwe wa banana bao ke Mme Kedibonye Mangolo wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi.

A re ene o dirisa maranyane a Facebook thata e le tsela ya go itse tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara.

A re ga se gantsi a reka dipampiri tsa dikgang mme dikgang ka bontsi o di bonela mo Facebook.

Mme Mangolo a re pele ga a ka dira sepe fela mo letsatsing o tsena pele mo maranyaneng a Facebook go itse ka tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara, a tlatsa ka gore o lemogile gore dipampiri tsa dikgang ka bontsi di dirisa maranyane a Facebook go anamisa dikgang tsa bone.

A re se sengwe se a se ratang ka Facebook ke gore ke tsela nngwe ya go itlosa bodutu.

A re go le gantsi o iphitlhela a lebile ditshwantsho tsa balekane ba gagwe mo Facebook le dipolelo tsa bone mme a iphitlhele a kgatlhega fa gongwe a gomotsega a bo a lebale matshwenyego  a botshelo jwa gagwe.

Mme Bothakga Nametsegang wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a re ene o rata maranyane a Whatsapp thata ka e le tsela ya go bua le batho ba bangwe ba ba mo maranyaneng ao ka melaetsa.

A re tiriso ya Whatsapp ga e lope madi a mantsi jaaka fa motho a romela melaetsa ka tsela e e tlwaelesegileng.

Mme Nametsagang a re ka e le mogwebi o dirisa Whatsapp go amogana le balekane ba gagwe tse a di rekisang ka nako e e rileng. A re o dira jalo ka go tsenya ditshwantsho tsa dilo tseo mo Whatsapp gore batho ba di bone, a bo a supa le ditlhwatlhwa.

A re gape o itemogetse gore go dirisa maranyane a Whatsapp le Facebook go lopa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa madi.

A re Facebook yone e mo thusa go nna le megopolo e e farologaneng ya go dira dikgwebo tse dipotlana di tshwana le go rekisa diaparo, dibaga le tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : JWANENG

Event : Potsolotso

Date : 09 Nov 2016