Setlhopha se fetola boitshwaro jwa banana
09 Nov 2016
E re le ntswa gotwe phokoje ga a ke a latlha moseselo e le wa gagwe, mokgatlho wa mmino wa Setswana wa Masalela –A-Bodimo o gana nyaa ya banyana ka gore o kgonne go latlhisa banana botlhokatsebe ka go ba gogela mo mminong wa Setswana.
Setlhopha seo, se se tlhamilweng ka ngwaga wa 2012 kwa Maun, se mo maikaelelong a go fetola banana ba ba gobeyang mo mebileng gore ba tsoge ba na le bokamoso.
Ba setse ba ntshitse banana ba le masome a mabedi le botlhano mo mebileng ka go ba okela mo mminong wa setso mme jaanong e bile e le dikgantshwane tsa lebebe la ngwao.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa setlhopha seo, Rre Oberekile Ngande o supile fa leina la setlhopa sa bone le kaya fa motho a kgona go fetoga.
A re bodimo ba ne ba itsiwe ka mekgwa e e maswe bogologolo mo mainaneng, selo se se ba gwetlhileng go ipitsa leina leo, a kaya fa bone e le bodimo ba ba fetogang.
Rre Ngande a re setlhopha sa bone ga se mo maikaelelong a go jesa batho monate ka mmino fela, mme ba ikaelela go dirisa mmino wa Setswana go itshetsa le go ruta bana ka ngwao gore ba gole ba e itse.
“Re opela dipina tse di farologaneng tsa Setswana jaaka setapa, tsutsube le pathisi magareng ga tsone”, ga bua Rre Ngande.
O supile fa go direla setshaba go le botlhokwa thata, a re ga ba a lebelela matshelo a bone fela ba bone go le botoka go thusa ka gotwe go sego letsogo le le abang, mme ba kgona go kgaoganya lemmenyana le ba le bonang le bomonnaabone ba sekole se sebotlana sa Sekgoma mo Maun ba ba rekela paka ya sekole.
Mo godimo ga moo setlhopha sa supa bokgoni jwa sone ka go tshwantsha mabotana a sekole ditswhwantsho tse di ba rutang ka bodiphatsa jwa nnotagi ga mmogo le ditlamorago tsa go ima ba le bannye, seo e le go bopa bokamoso jwa bana ba sekole seo.
O tlhalositse fa ba le mo maikaelelong a go tsamaya le dikole tse di farologaneng mo Maun ba ruta bana ka ngwao ba sale bannye ka ba lemogile fa bana ba latlhegelwa ke kitso ka ngwao ya Setswana.
A re ba setse ba dumalane le ba lephata la thuto ka seo mme e bile ba solofetsa go simolola tiro eo ya go gasa efangedi ka ngwao mo nakong e e sa fediseng pelo.
Le fa go ntse jalo, Rre Ngande o supile matshwenyego a gagwe tebang le morafe wa Maun a supa fa o le maoto a tshupa fa o bilediwa moletlo wa ngwao.
A re banana ba ka itse go le gontsi ka ngwao fa bagolo le bone ba ka nna le seabe ka go ba gogela meletlong ya ngwao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 09 Nov 2016






