Breaking News

BAC e tseya boikarabelo jwa sekolo sa Sebele

07 Nov 2016

Mogolwane wa lephata la ipapatso le kanamiso mafoko kwa  sekoleng sa Botswana Accountacy College, Mme Mpho Mokgosi, o tlhalositse fa sekole se, se ikgethetse go thusa sekole se sebotlana  sa Sebele kwa Molepolole ka tsotlhe tse sekole seo se di tlhokang.

Mme Mokgosi o buile se ka Labone (Ngwanatsele a tlhola malatsi a le mararo), fa sekole seo se ipelela moletlo wa kabo dimpho o o neng o tshwerwe go rotloetsa baithuti ka go ba abela dimpho.

A re ba bone go le botlhokwa gore ba nne le seabe mo dithutong tsa bana ka go tshwaragana le puso go ntsha maduo a a itumedisang.

O tsweletse a tlhalosa gore ka kgolagano e ba itlama e le sekole go netefatsa gore ba thusa  Sebele ka tse se di tlhokang, mme fela a re ba tlaa nna fa fatshe le bagolwane ba sekole seo go buisana ka fa ba tlaa thusang ka teng.

Mme Mokgosi o bile a galaletsa batsadi go sa ipone tsapa go tshwaraganela thuto le barutabana mo go feletsang go dira gore sekole se e nne sengwe sa dikgantshwane tse di di gogang kwa pele ka maduo a mantle mo kgaolong ya Kweneng.

O tsweletse a tlhalosa gore e re ngwaga ono lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa sekole sa Botswana Accountancy College sone se ipelela dingwaga tse di masome a mabedi mme a re ke ka moo ba boneng go le botlhokwa go tsenya letsogo mo kgodisong le thuto ya bana  ba  ba botlana.

Mo mafokong a gagwe a kgothatso, mothusa mokwaledi a lebaganye le maphata a dikitsiso le kgaso, Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o galaleditse batsadi go nna le seabe ka go tshwaraganela thuto le barutabana.

O tsweletse a tlhalosa gore batsadi ba tswelele ka go ruta bana boitsholo jo bontle, a re mo malatsing a segompieno bana ba dirisa diritibatsi mo go sa siamelang botsogo jwa bana.

A re mafaratlhatlha a segompieno kana internet le fa e siame bangwe bana ba felela ba e dirisa ka tsela e e sa ba siamelang ka jalo a re batsadi ba beye selo seo leitlho.

Moithuti wa pele wa sekole se sebotlana sa Sebele, Goabaone Chabaesele o tlhalositse fa a le se a leng sone ka sekole seo.

O tsweletse a ipelafatsa ka maitseo le thuto tse a reng o di amule mo sekoleng se mme a gwetlha batho le dikhamphani go thusa ka go tsenya letsogo mo go thuseng sekole se ka tse se di tlhokang.

Fa a lekodisa batsadi ka lenaneo la go tshwaraganela thuto le banaleseabe go tokafatsa maduo le boitshwaro jwa baithuti la kgaolo eo, Kgosi Kgari III o tlhalositse fa lenaneo le le solofetswe go tswela botlhe mosola a tlhalosa fa le tsweletse sentle.

Mo go tse dingwe, sekole sa Sebele se tsweletse ka go dira bontle ka se kwadisitse masome a robabongwe le bobedi mo lekgolong mo maduong a sone ka ngwaga wa 2014, mme ngwaga o o fetileng se kwadisitse masome a robabongwe le borataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : MOLEPOLOLE

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 07 Nov 2016