Komiti e batla go okediwa babereki
25 Oct 2016
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Makalamabedi mo kgaolong ya Boteti Bophirima, Rre Morris Gwandu, o kopile gore ba okelediwe dipalo tsa babereki ba lenaneo la Ipelegeng go nna 150.
Rre Gwandu o kopile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Bophirima yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane bosheng.
Rre Gwandu a re ba itemogela dipalo tse dintsi tsa batho ba ba batlang go tsena mo lenaneong la Ipelegeng ka nako ya phiro ya lenaneo leo.
A re dipalo tse dintsi tse di bakiwa ke letlhoko la ditiro le le amileng bagolo le banana a tlhalosa gore banana ba ba sa dirang sentle mo lekwalong la boraro le la botlhano ke bone ba oketsang dipalo tsa baikopedi ba lenaneo le.
Modulasetilo o ne a supa matshwenyego a mangwe a bone a re ba sale ba solofeditswe tliliniki ya koloi (mobile clinic) a re ba dirisa kokelano e e kwa moseja, ko sekoleng se segolwane ba batla go okeletswa matlwana a borutelo,matlo a babereki ,ofisi, ntlo ya boapeelo le matlo a a boroko jwa baithuti ka go le mosuke.
Rre Gwandu a re ko sekoleng se sebotlana ba batla lekalana le le faphegileng la bana ba banalebogole le mochine o o ntsifatsang dipampiri.
O ne gape a supa gore ba tshwenngwa ke seemo se barutabana ba ba fudusitsweng go tsewa sebaka gore ba emisetswe.
Raboipelego mogolo wa kgaolo ya Boteti, Rre Victor Thake o ne a re ga ba kake ba kgona go oketsa dipalo tsa ipelegeng mo nakong eno ka ntata ya tlhaelo ya madi.
Rre Thake a re lenaneo la Ipelegeng ke la nakwana ka jalo ga ba rotloetse gore banana ba ba sa dirang sentle kwa dikoleng ba itie ka lone.
O ne a kopa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go rotloetsa bana go dirisa mananeo a bo BOCODOL le a mangwe go tokafatsa maduo a bone a thuto.
Tona o ne a ba lekodisa ka tse di builweng ko palamenteng e e fetileng di akaretsa molao wa maloma tsebe, wa mochine wa ditlhopho le gore ba amogetse tebelopele e ntsha ya 2036. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Oct 2016








