Monana o abetse motse P15 000
03 Oct 2016
Monana wa Mathathane, Rre Jan Moshokwa wa kompone ya Junction Electrical, o abetse motse wa gagwe P15 000 ka letsatsi la boipuso.
Fa a ntsha madi ao ka letsatsi la bopiuso kwa kgotleng ya Mathathane, Rre Moshokwa o rotloeditse banana bogolo jang go ema ka dinao go tlhabolola motse wa bone.
Rre Moshokwa a re ditlhabololo mo motseng wa Mathathane di ka bonala fa go rena mowa wa bojammogo le kutlwano mo morafeng.
A re banni ba tshwanetse go tswa ka megopolo le methale e ba ka e dirisang go kokoanya madi a a ka dirisiwang mo ditlhabololong.
Rre Moshokwa o itlamile go gokela poso ya motse oo motlakase gore ditlamelo di goroge sentle mo banning ba motse wa Mathathane le tikologo.
Mo godimo ga madi a a a ntshitseng, Rre Moshokwa o reketse kgotla ya Mathathane ditena di le dikete tse pedi tse di tla dirisiwang go aga leobo la kgotla.
Rre Moshokwa o itlamile go ntsha P30 000 yo o tlaa dirisiwang mo ipelelong boipuso jwa ngwaga oo tlang wa 2017. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sarona Keletso
Location : MATHATHANE
Event : kabong dimpho
Date : 03 Oct 2016








