Magolegwa a kgothadiwa go ikemela ka dinao
08 Aug 2016
Batho ba e leng la ntlha ba dira molato ba kgothaditswe go kgathologa dipuo tse ba di rewang ke batho mme ba ikaelele go dira tse dikgolo mo matshelong a bone fa ba sena go tswa mo kgolegelong.
Mogwebi, yo e bileng e le mookamedi wa setlhopha sa dikhamphani sa Native Groups of Companies, Rre Mpho Balopi o boletse jalo fa a ne a buisa magolegwa mo Gaborone bosheng gore sekgoreletsi se segolo sa bone mo go fitlheleleng ditoro tsa bone ke kakanyo ya bone.
O boletse gore ba tshwanetse go itshepha e le magolegwa mme ba fetole ka fa ba akanyang ka teng, gore ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone. O ne a ba gakolola gore pele ba tshwanetse ba nna le dikakanyo tse di ikemetseng, a tlhalosa gore go siame gore ba simolole go dumela mo makgoning a bone.
Rre Balopi o ntsheditse magolegwa dikai gore ene o nnile fa a leng teng, ga a a ka a nna mogwebi fela di tloga mme e bile go ne go se motlhofo.
A re o ne a na le dikeletso tse di farologaneng le batsalwa le ene ba a reng bone ba ne ba rutegile botoka fela thata go mo feta.
A re le fa ba ne ba akanya gore o tlaa palelwa mo botshelong kana mo lelwapeng la bone, le le nang le barutegi, o ne a itirela botshelo jwa gagwe jo bo neng jwa felela e le mogwebi yo o atlegileng mo kgwebong ya gagwe.
O ba boleletse gore fa ba ka tsaya megopolo e ba duleng ka yone fa ba sa ntse ba le mo kgolegelong, mme ba e baakanya fale le fale, ba ka felela ba nna le megopolo e e atlegileng, e e ka ba isang golo gongwe.
Rre Balopi o tlhaloseditse magolegwa gore dikgwebo di simologa ka megopolo mme fa ba e tsaya ka tlhwaafalo, ba tsile go atlega fela fa ba sena go tswa mo kgolegelong.
O boletse gape gore go na le botlhale le bokgoni jo bontsi mo go bone, ka jalo a ba gakolola gore ba seka ba itlhabelwa ke ditlhong go bua kana go ntsha mafatlha a bone, ka gore ke yone fela tsela ya go itse makgoni a bone.
Rre Balopi o boleletse magolegwa gore mo godimo ga moo, gore ba kgone mo botshelong, ba tshwanetse go itshepha. A re ba tshwanetse ba ipeela dielo mme ba di diragatse.
E rile fa a akgela, morulaganyi wa dithutano tseo, Rre Thuso Khubamang a re mogopolo wa go naya magolegwa dithata o mo tletse fa a ne a le ramabole kwa America a sa ntse a le monana.
Rre Khubamang o tlhalositse gore thulaganyo kana lenaneno leo le nnile le maduo mo go neeleng magolegwa dithata fa ba sa ntse ba le mo kgolegelong.
A re ka jalo e ne ya re a bowa kwa America a feta a simolola kwa South Africa mme ya re ka bo 2005 a simolola mo Botswana.
A re bothata jo a bo lemogileng ke gore morago ga ba sena go tswa mo kgolegelong, magolegwa a sokodisiwa ke go bona ditiro go itirela matshelo fa ba sena go fetsa kotlhao ya bone, ka jalo a bona go tshwanela gore a ba thuse gore ba ikage sesha, ka le fa e le bone ba malapa a bone, ba na le bothata go ba amogela gape kwa malapeng a bone.
A re pele ba ne ba dira thulaganyo ya go nna jaana ba direla boramabole fela, mme ya re kwa morago, magolegwa a mangwe a bolela fa le one a batla thuso e e ntseng jalo mo metshamekong e mengwe gore e nne le seabe le yone.
Fa esale e simologa, a re ba kgonne go senkela ba ba tswang mo kgolegelong ditiro mo mehameng e e farologaneng jaaka mo moopelong, metshameko le tse dingwe.
Magolegwa a ne a direlwa dithutano tsa letsatsi tse maikaelelo a tsone e neng e le go ba ruta ka fa ba ka dirang ka teng go simolola dikgwebo fa ba sena go tswa mo kgolegelong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Thuto puisanong
Date : 08 Aug 2016








