Puso e kgala tsamaiso e e sokameng
26 May 2016
Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a re puso e dira melawana ya tsamaiso ya dikereke.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Moremaoto mo kgaolong-potlana ya Boteti ka Labobedi, Rre Batshu o tlhalositse fa melawana eo e tlaa kganela kgotsa go laola ditsamaiso tse di fatlhang tse di dirwang ke dikereke dingwe.
Rre Batshu, yo e bileng e le mopalamente wa Nkange, o tlhalositse fa ditsamaiso dingwe tse di tlang le baruti bangwe di fatlha.
“Se letleleleng gore le fenngwe ke moleko wa ga saatane ka go le tsisetsa baruti ba ba dirang dilo tse di gakgamatsang” tona a gwetha banni ba Moremaoto.
Rre Batshu o ne a supa fa medumo ya dikereke mo metseng, e le dingwe tse di sa sa itumediseng batho.
Tona o ne gape a gwetlha Batswana go gakologela kagiso e ba e opelang mo pineng ya setshaba, a re Batswana ba itlamile go dibela kagiso ka pina ya setshaba.
O ne a tlhalosa fa melao e e dirilweng mo lefatsheng leno, e dirilwe gore e dibele kagiso, kajalo a re ba obamele melao ya lefatshe.
Tona o ne a kopa morafe go kwadisa matsalo a bana ba bone le dintsho mo nakong e e beilweng.
A re go kwadisa matsalo go botlhokwa ka puso e ka baakanyetsa banni ba lefatshe bokamoso,jaaka ditlamelo tsa botsogo le tsa thuto, e lebile dipalo.
O ne a kopa banni ba Moremaoto go tlhomamisa gore ba nna le bo Omang ka e le selotlele sa mananeo a puso. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Khumaga/ Moreomaoto, Rre Thomas Kgethenyana o ne a supa fa a itumeletse leeto la ga tona, a re ke tona wa ntlha wa lephata leo go gata kwa motseng oo.
Rre Kgethenyane o ne a leboga lephata leo gore le bo le dirile thulaganyo ya gore ba thusiwe ka ditirelo dingwe kwa Maun, dikhilomithara tse di lekgolo le metso e mebedi go tswa mo motseng wa bone, go ba fokoletsa mosepele wa go latela ditirelo tseo kwa Letlhakane, dikhilometara di ka tshwara makgolo a mabedi le masome a supa.
Le fa go ntse jalo o ne a kopa gore go dirwe gore go nne le thulaganyo ya gore ditirelo tsa lephata le di isiwe kwa Rakops. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : MOREMAOTO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 May 2016








