Bogosi ga bo motlhofo
09 Mar 2016
Thomo ya bogosi ga se tiro e e motlhofo.Go ya ka Kgosi Motlotlegi Kachana wa Tshesebe, dingwaga ga se sekgoreletsi segolo jang fa motho a itlamile go diragatsa thomo ya morafe wa gagwe, e bile a na le maikaelelo a go fitlhelela ditoro tsa bone ga mmogo le yone tumelo ya gore o ka kgona.
Kgosi Kachana, yo o sa ntseng a mo dingwageng tsa bonana, a re le ntswa dingwaga e se sekgoreletsi, thomo ya bogosi ga se selo se se motlhofo segolo jang mo monaneng ka o a bo a ise a tlhaloganye dilo dingwe.
O tladitse ka gore tlhaloganyo ya monana le yone e na le ka fa e akanyang ka teng. A re fa motho a setse a filwe thomo ya go etelela morafe pele go sa kgathalesege gore o monnye go le kae, o tshwanetse go iphutha motlhala, a tsee boikarabelo e bile a seka a ipaya gore ene o santse a le monana o tlaa busa jaaka a batla.
Kgosi Kachana yo o sa tswang go tlhongwa ke morafe wa motse wa Tshesebe ka kgwedi ya Seetebosigo ngogola, o tlhalositse fa dikgwedi tsa gagwe tsa ntlha fa a simolola thomo ya bogosi di ne di se motlhofo.
A re e re ka a ne a sa tlwaela go bereka le morafe go ne go le thata go ema fa pele ga bone ka e bile a ne a tshaba le matlho a batho gape a le bonolo.
O tsweletse ka gore o ne gape a na le kgwetlho segolo jang fa a tshwanetse go rarabolola dikgang tsa banyalani, tsa bagolo le tse dingwe tse a neng a ipolelela gore di mo fetile ka a ne a lebile dingwaga tsa gagwe.
Kgosi Kachana yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi, a re o leboga dikgosana tsa motse wa gagwe, morafe ga mmogo le Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding, go bo ba ne ba mo eme nokeng, go mo tataisa mo tirong ya gagwe ya bogosi.
A re pele ga a rerelwa gore jaanong o tshwanetse go emela motse wa gagwe, o ne a tshoga thata mo a neng a akanya le go ikgogela kwa morago ka a ne a sa itse gore o ya go simolola fa kae.
Kgosi Kachana o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo e bile a kgona le go buisa morafe wa gagwe a phuthologile go sena tlhong epe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Tshesebe
Event : Potsolotso
Date : 09 Mar 2016






