Breaking News

Mekgatlho e tlaa thusiwa ka madi

09 Mar 2016

Ba lekalana la Global Environment Facility ba tshwaragane le ba Botswana College of Agriculture  ba ne ba tshwere phuthego ya kgotla mo Bobonong ka Labotlhano go itsise banni ka mananeo a a leng teng a a itebagantseng le go lwantsha kgotlelesego ya tikologo le loapi.

Fa a bua, mothusa mookamedi wa lekalana leo Mme Abigail Engleton a re  nako e gorogile ya gore setshaba se eme ka dinao go emisa ditiro dingwe tse di bakang go kgotlelesega ga tikologo le loapi a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse go sekaseka dikgwetlho tse ba na leng  tsone mo motseng.

O supile fa go fetoga ga loapi mo nakong ya gompieno go setse go tsere phekelo e sele ka jalo a supa fa lekalana la bone le simolotse mananeo a tshwana la Small Grant Programme le le thusang mekgatlho ya selegae ka madi go tswa ka methale ya go lwantsha kgotlelesego ya loapi.

Mme Engleton o gwetlhile baagi go tlhama mekgatlho e e itebagantseng le go lwantsha kgotlelesego  ya tikologo le loapi. O supile fa ba thusa mekgatlho  ka madi a a kana ka ka dikete tse tlhano tsa dipula  go ya go diketete tse masome a matlhano.

Fa a tswa la gagwe, Professor Ezekiel Chimbombi go tswa kwa Botswana College of Agriculture o rotloeditse mekgatlho go dirisa sebaka sa gompieno go ikopela madi.
O gakolotse mekgatlho gore ba ele tlhoko gore dikopo tsa bone e nne tse di tsamaelanang le go kgotlelesega ga tikologo le loapi.

Kgosi Goitseone Patane o supile fa lenaneo la small grants le tsile ka nako e e maleba e bile le ka isa Batswana golo gongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofaone Makwate

Location : Bobonong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Mar 2016