Modikwa o abela dikolo ditlhare
08 Mar 2016
Mme Julia Modikwa wa kgotlana ya Borotsi mo Bobonong o boloditse letsholo la go abela dikole tsa motse oo ditlhare tsa maungo,moriti le mekgabisa.
O boletse mo puisanong le BOPA fa a setse a abetse dikole tse dipotlana tsa Bobonong ditlhare di le masome a mararo le bosupa.A re o abetse sekole sa Borotsi ditlhare di ferabongwe,sekole sa Mabumahibidu di le lesome le motso fa sa Madikwe a se abetse di le lesome le bosupa.
Mme Modikwa a re mo letsholong la gagwe la go aba ditlhare o, tlaa tswelela a abela dikole tse dingwe tsa Bobonong le tse dingwe tse di mo metseng ya Bobirwa.O tlhalositse fa a tlaa atolosa letsholo la gagwe la go aba ditlhare ka go abela maphata a puso ka go farologana.
Le fa go ntse jalo, Mme Modikwa o tlhalositse fa a le mogwebi yo mmotlana wa temo ya ditlhare tsa moriti,maungo le mekgabisa.
Mme Modikwa yo gape e leng mokgothatsi, a re lerato la temo ya ditlhare le ntse le agile mo go ene go tswa bonnyeng jwa gagwe ka e bile temo ya ditlhare e le di ya thoteng di bapile le motho yoo nang le lerato mo setshabeng.
O tlhalositse fa toro ya gagwe ya go ipona a fetogile molemi wa mogwebi ka ditlhare e fetogile nnete ka a setse a na le tshingwana ya ditlhare ka go farologana mo lelwapeng la gagwe.Mme Modikwa a re ba lephata la dikgwa le tikologo mo Bobonong ba mo thusa ka dithuso ka go farologana selo se se dirang gore kgwebo ya gagwe e itshetlele.
A re kgwebo ya gagwe, e setse e kgona go tlamela le go tshedisa ba lelwapa la gagwe.
O boletse fa a na le maikaelelo a go kopa dithuso mo makalaneng a puso go godisa kgwebo ya gagwe.
Mme Modikwa o tlhalositse fa e le mme yo o sa tsewang mme a gakolola bomme jaaka ene go ikemela ka dinao go dira ka matsogo gammogo le go dirisa mananeo a puo e a ntshitseng a nyeletso lehuma go tlhokomela malwapa a bone. ENDS
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Puisano
Date : 08 Mar 2016






