Mokgatlho o leboga maloko
10 Dec 2015
Ke tlwaelo gore fa ngwaga o ya bokhutlong, Batswana bangwe ba iphutlhe metlhala ka go kgaoganya dilwana, madi le go tswa ka megopolo tebang le maikaelelo a go tokafatsa mekgatlho ya bone.
E rile bosheng setlhopha sa bomme ba le lesome le bobedi se se bidiwang Re mmogo-Mosadi Thari mo Maun sa bo se le sengwe sa tse di gatetseng pele ka go abela maloko a sone dimpho e le tsela nngwe ya go ipaakanyetsa ngwaga o o tlang.
Modulasetilo wa mokgatlho, Mme Kwenana Sikalokae wa kgotla ya Boseja kwa Maun, a re ba ne ba ipopa setlhophana e le bomme, moono mogolo e le go itsolopanya go lwantsha manokonoko a dikgwetlho tsa botshelo a a bakiwang ke tlhaelo ya madi.
A re Re Mmogo-Mosadi Thari ke seane se se rotloetsang bomme go ema ka dinao go itirela ka diatla tsa bone ka ba dumela gore mosadi o bonwa ka ditiro.
O tlhalositse gore mokgatlho wa bone o simolotse ngogola fa ba ne ba ipeela seelo sa gore mongwe le mongwe wa bone a ntshe madi a a kana ka makgolo a mabedi.
Madi a a ne a dirisiwa go rekela leloko lengwe le lengwe dilwana tse di jelang, dipitsa le dikopi.
Mme Sikalokae a re ba ne ba leka ka bojotlhe go rekela maloko didirisiwa tsa kago go ya ka botlhoki jwa leloko.
Mme Sikalokae o supile fa ba ne ba tshwarela meletlo kwa go mongwe le mongwe wa maloko kgwedi le kgwedi go dira jaana e ne e le tsela ya go rotloetsa botsalano gareng ga maloko le ba masika a bone ka gotwe setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.
A re go dira jaana go ba thusa fela thata, ka ba belegana e le bomme fa yo mongwe a wetswe ke seru kgotsa a na le moletlo jaaka wa lenyalo maloko a tswa letsholo go thusa.
Le fa go ntse jalo o supile gore fa go na le moletlo,dilwana tse ba di rekileng ba dirisa tsone go ya go tsweledisa tiro.
E re go ntse jalo, mongwe wa maloko Mme Patricia Johanness wa kgotla ya Boseja yo sefatlhego sa gagwe se neng se tletse ka boitumelo o supile fa botshelo jwa gagwe bo fetogile ka a na le tsotlhe tse mme wa lelwapa a ka nnang le tsone.
O gwetlhile bomme jaaka ene go se itshele meriti e tsididi ka a re ‘ mabogo dinko a a thebana’.
O rotloeditse borre le bone go se ipone tsapa a re le bone ba inaakanye le mekgatlho ya mofuta o go itlhabolola.
Mme Goakanyeng Mogapi wa dingwaga tse di masome matlhano le borobabobedi o supile fa a le motlotlo ka tsotlhe tse motshelo o di mo diretseng. A re tlotlo, kutlwano, tekatekano le lorato ke tsone tse e neng e le tsela ya phenyo ya bone.
O gateletse thata gore lenyatso mo motshelong ga le tlhokafale go sa kgathalesege gore maemo ke afe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaolebogwe Moipei
Location : Maun
Event : Kabo dimpho
Date : 10 Dec 2015






