Mokgatlho wa dikereke o abela masiela
30 Nov -0001
E rile bosheng, mokgatlho wa dikereke tse di farologaneng wa Faith Based Organisation, wa abela bana ba masiela ba lelwapa lengwe dimpho tse di akaretsang dijo, melora le diaparo.
Moemedi wa mokgatlho oo, Mme Agnes Ncaagae, o ne a tlhalosa gore ba ngomotswe pelo ke gore lelwapa leo ke la masiela fela e bile ba nna le mosadimogolo, yo le ene a lwalang, ka jalo a ka se kgone go fa bana tlhokomelo.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Thamaga/Mogoditshane, Rre Driver Motlokwa, o ne a bolelela ba lelwapa leo fa ba le lesego fela thata, a bo a ba kgothatsa go tlhokomela dilwana tseo. E rile fa a amogela dimpho tseo, Mme Kelebogile Moswate o ne a leboga mokgatlho oo e bile a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle wa go aba. Bokhutlo
Source : Freelancer
Author : Gofaone Makhaya
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo dimpho
Date : 30 Nov -0001






