Breaking News

Ditlhabololo di botlhokwa

24 Dec 2012

Ditlhabololo ke dingwe tsa dilo tsa botlhokwa mo lefatsheng le no ka jaana di tlisa dilo di dira ditiro. Se se tlhalositswe ke modulasitilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi  Leo kwa pulo semmuso ya maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa Molepolole bosheng.

Rre Leo o ne a tlhalosa gore lentswa ditlhabololo di le botlhokwa di tla ka dikgwetlho tse difarologanyeng. A re go le gantsi banni ba motse o go dirwang ditlhabololo mo go one ba ngongorega ka gore diteraka tse di tona tse di dirisiwang di ba senyetsa matlo ka jaana a felela  a ranyega. 

Rre Leo o ne a tlhalosa gore le mororo se se diragala, ditlhabololo tsone di tshwanetse go diragadiwa  ka jaana mo go ba ba lesego e le tshimologo ya mmereko. O ne a tlhalosa fa tirisanyo mmogo magareng ga banni ba motse le babereki e ka lere maduo a mantle e bile seo se dire gore tiro e nne motlhofo go ka direga. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 24 Dec 2012