Breaking News

Morula o ogola banni mo isong kwa Ramokgonami

22 Jun 2014

E re ka Batswana ba rata go dirisa ditsa tlholego go itshetsa, banni ba Ramokgonami bone ba inaakantse le morula go dira dilo tse di farologaneng.

Mothusa kgosi wa motse oo, Rre Moeng Thabologang a re molemo wa setlhare se ke go ba fa moriti o tsiditsana, segolo jang ka paka ya selemo.

O kaile gape gore ka setlhare se se goletse fa godingwana, se fokotsa bokete jwa diphefo tse di mashetla tse di kgonang go rutlomolola dikago le go diga ditlhare tse dingwe.

Go sale foo, kgosi o tsweletse a supa fa setlhare se, se dirisiwa dilo tse di farologaneng go itshetsa di akaretsa go ja maungo a sone ka go a mona fa ba bangwe bone ba a thula fa a sena go oma, ba bo ba ntsha moko go o rekisa. Bangwe ba kgona go dira jeme ka one.

O tsweletse  a re bangwe bone ba na le botsipa jwa go dira bojalwa ka one ba bo ba bo rekisa. A re ba ba abetsweng go betla le bone ba kgona go dira didirisiwa tsa legong la morula jaaka dikika le mekgabisa.

Kgosi o boletse gore ka paka ya fa morula o jewa, leruo la bone ga le bolawe ke tlala ka le lone le rata go otla maungo a one. A re setlhare sa morula ga sena ditlamorago tse di kalokalo tse di maswe. O supile fa se ka baka tshenyo fela fa go ka diragala phoso ya gore se we se bo se senya dikago.

 O tsweletse  a re banni ba Ramokgonami ba tlotla setlhare se thata ka go se motlhofo gore ba se reme ka e bile ba sa tlotla go ora dikgong tsa sone. O rotloeditse banni go tswelela ka go se somarela gore dikokomane tsa bone le tsone di tle di se akole. Kgosi a re, se setona fela se a se ngongoregelang ke koketsego ya modumo mo motseng ka paka ya fa go nowa bojalwa ja morula.

Fa a tlatsa mafoko a ga kgosi, mongwe wa bagolo, Mme Gabaikanngwe Oaitse a re morula o setse o ba oketse baeng ba ba tswang kwa ntle ga motse wa bone le ga lefatshe leno tota. A re bangwe ba baeng ba supile fa morula o le botlhokwa thata ka moko wa maungo a one o kgona go dira mafura a a jewang le ditlolo tsa mo mmeleng.

Fela Mme Oaitse a re o tshwenngwa ke dipalo tsa bana ba ba kgamiwang ke maungo a morula, a bolela fa ngogola ba dikile ba na le leso la ngwana yo o neng a betilwe ke morula.

Le fa go ntse jalo, Mme Opelo Setlalentwa  ene o tlhalositse fa bagolo ba ne ba bolela gore maungo a setlhare se ga a tshwanelwa go thulwa mabele a santse a le kwa masimong ka seo se  ka oka dinonyane, ka jalo go ne go thulwa fela go sena go fetswa kwa masimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : RAMOKGONAMI

Event : Profile

Date : 22 Jun 2014