Diphuthego di tsenwa ke manoto
24 Apr 2014
Kgosana ya kgotla ya Tjotjwe kwa Kanye, Rre Obusitswe Kgame o ngongoregile ka batho ba ba sa tseneng diphuthego tsa kgotla.
O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke mokhanselara wa kgaolo ya Nyorosi Botlhaba, Rre Kagisayo Tau, bosheng. Rre Kgame a re beng ba gae ga ba tsene diphuthego ka dipalo tse di kalo.
A re go le gantsi batho ba tla lekgotleng fela ba tsisiwa ke matshwenyego a bone. Rre Kgame a re o lemogile gore bontsi bo tla diphuthegong fela fa go thapiwa babereki ba ipelegeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo mo kgaolong eo, Mme Gaontebale Lenong, o ne a rurifatsa fa e le nnete batho ba sa tsene diphuthego tsa lekgotla. O boletse fa batho ba tlolwa ke dikgang tsa botlhokwa ba le mo malwapeng a bone, a tlatsa ka gore le sone Setswana se se reng, pilediwa e a lwela bontsi bo a se itlhokomolosa.
Mo godimo ga moo, Mme Lenong o supile fa a tshwenngwa ke leswe le le mo motseng, a tlatsa ka go kopa banni go iphepafaletsa dikgotla tsa bone mme e bile ba kopa go tlogela go baya fela mo Ipelegeng, ka monongwaga e inaakantse le go tlhabolala dikole.
O ne gape a kaya fa ba tshwenngwa ke metsi a a tletseng mo motseng.
A re le fa motse o le maphatshaphatsha a metsi jaan ba Water Utilities ga ba ba tswe thuso, le ba sa bolo go ikuela mo go bone.
Mme Lenong o ne a rurifaletsa phuthego fa go nale sekole sa bananyana mo kgotleng ya bone mme sekole seo se ise se bulwe, le fa se kolota madi a seng kana ka sepe.
“Ke tshwenngwa ke gore gatwe sekole seo se kolota madi a a kanang ka P47 330, mme se se utlwisang botlhoko ke gore ga ise se bulwe.
Ke ipotsa gore madi ao a a matonatona a tswa fa kae,” ga tlatsa Mme Lenong a sa kgwe mathe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Apr 2014








