Thobo ya balemi ba Werda le Kokotsha e a nametsa
16 Sep 2026
Balemi ba Werda le Kokotsha mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba tsweletse ka go ntsha thobo e e nametsang ka seo se supagetse mo letsemeng la ngwagwa oo fetileng.
Fa a bua mo letsatsing la ditshupo tsa ditswa-temong, mogolaganyi wa ditirelo tsa temo mo Kgalagadi Borwa, Mme Gloria Komanyana o akgotse maiteko a balemi bao a supa fa ba itomile molomo wa tlase go ntsha thobo ya boleng e bile e nametsa.
Mme Komanayane o galaleditse balemi ba Werda Cluster ka maiteko a ba a dirang a tlatsa ka gore balemi bao ba tsibogetse ka dipalo tse di kwa godimo lenaneo la Lemang Dijo mo kgaolong.
O ba kgothaditse go tswelela ba dira ka natla go ngoka ba ba sa ntseng ba le maoto a tshupa go ka inaakanya le tsa temo.
O boletse fa maikaelelo a ditshupo tseo e le go rotloetsa balemi go dira ka natla, go ntsha dijwalo tsa boleng le gone go ba thusa go bapatsa thobo ya bone.
Mme Komanyane o supile gape fa go le botlhokwa go kokoanya balemi go tla go arogana maele le ba bangwe le go ne go ithuta ka methale e e botoka ya temo.
A re balemi ba tshwanetse ba lemoga gore temo ga se go jela fela mo ganong mme ba tswhanetse ba e oketsa ba e leba e kgwebo e e ka ba busetsang dipoelo tse di botoka.
O supile gape fa ditshupo di rotloetsa phadisanyo mo baleming, a tlatsa ka gore morago ga ditshupo tseo, balemi ba tlhwaafale go lema le gone go ruta dikokomana tse di tlang.
A re lefatshe leno le santse le tlhaelelwa ke dijo mme a kgothatsa balemi go ntsha ga tshwene ka go oketsa ditema tsa bone gore kwa phelelong ba kgone go jesa Batswana.
Modulasetilo wa Werda Cluster, Mme Marea Batshomi o supile fa ba ikiteile sehuba go tsaya temo ka tlhwaafalo.
A re maikaelelo a bone ke go baya tema ngwaga le ngwaga.
Mme Batshomi a re ngwaga oo fetileng pula e ne e le boutsana, mme ba ne ba seka ba ipona tsapa ka ba ne ba tsaya sebaka sa go dirisa bokgola jwa dipula tsa ntlha.
O supile gape fa ba kopana le dikgwetlho jaaka bogodu a re dilalome dingwe di a ba tlhorontsha ka go ba senyetsa mo masimong.
A re ba tlhorontshiwa gape ke diji jaaka podile, diphologotswana di tshwana le masamane le dikgaka.
Mme Batshomi o kopile boeteledipele jwa motse oo go ba ema nokeng ka kopo ya bone ya lefatshe e ba tla isang kwa go ba kabo ditsha.
A re ba beile lefelo lengwe le ba eletsang go tshwara ditshupo tsa bone ngwaga le ngwaga.
A re maikaelelo ke gore mo go lone lefelo leo ba age difalana tse ba tla bolokang thobo ya bone mo go tsone gore ba kgone go jesa setshaba mo lobakeng lo loleele ga mmogo lego rekisa peo.
Mongwe wa baalemi, Rre Pusoetsile Batshomi o tlhalositse fa e sale a kgatlhegela temo morago ga go tlogela tiro kwa moepeong wa Aferika Borwa ka ngwaga wa 2020. A re o ne a dirisa dikatso tsa gagwe go ithekela didirisiwa di akaretsa terekere, machine oo silang, mogoma, polantere le tse dingwe le gone go phunya sediba le letamo kwa tshimong.
O supile fa tsotlhe tse di mo diretse go tlala ka diatla ka go ntsha thobo ee melediwang mathe ke ba bangwe ba a tsweletseng ka go ba rotloetsa.
Rre Batshomi wa Werda o ne a tlhalosa fa a lema ngwaga le ngwaga dijwalo di akaretsa ditloo, manoko, mmidi, dinawa magapu, marotse, le Labalab le merogo mme thobo ya gagwe e akaretsa mmidi le magapu a rekisetsa Puso kwa dikoleng.
Are fa a simolola temo balemisi ba ne ba sa rotloetse temo ya mmidi ba re o tlhoka metsi a mantsi mme ba ne ba lema dinawa fela. Rre Phenyoyaone Keaja, mogolwane go tswa mo lephateng la dijwalo o gakolotse balemi go tswelela ka tiro e ntle ya go baya ditema.
A re dijwalo tse di di dirileng sentle di tla isiwa kwa ditshupong tsa Gaborone go phaidsanya le tsa dikagolo tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Werda
Event : Ditshupo tsa balemi-barui
Date : 16 Sep 2026








