Ba Matlhakola ba ipelela phenyo
04 Nov 2025
Sekole seo se ne sa oketsa maduo a sone go tswa kwa go 80 per cent wa 2023 go ya kwa go 92.3 per cent, ka jalo sa tsaya maemo a bobedi mo dikoleng tse dibotlana tsa kgaolo ya Palapye.
Fa a bua kwa moletlong oo ka Labotlhano, Moruti Bathamile Boitshepho wa kereke ya Royal City International Ministries kwa Palapye o akgotse botlhe ba-na-le-seabe ba ba tsereng karolo, ba tshwaraganye le barutabana go tsholetsa maduo.
Moruti Boitshepho a re maduo a sekole seo a tshwanetse a ipelelwa ka a ne a oketsega fela thata.
Ka jalo o ne a leboga ba Orange Botswana ba ba abetseng sekole didirisiwa tsa maranyane a supa fa le tsone di nnile le seabe mo go tokafatseng maduo.
Moruti Boitshepho o lebogetse baithuti go dirisa tsa maranyane tse ba di abetsweng ke Orange Botswana go batla dikitso tse di tseneletseng go tlatsa se ba se rutiwang go ntsha maduo.
A re go ntsha maduo a mantle ga se selo se se motlhofo, go a berekwa, go tlhoka bopelotelele, lorato, neelano le tirisanyo mmogo.
Moruti Boitshepho o akgotse batsadi le batsaakarolo botlhe ka go dira mmogo gore sekole se ntshe maduo a a kwa godimo.
A re phenyo ya bone ke sesupo sa go nna le tebelopele le maikaelelo.
Fa a itebaganya le baithuti ba mo nakong eno ba dirang lekwalo la ntlha kwa sekoleng se segolwane, Moruti Boitshepho o ba rotloeditse go tsweledisa maduo a mantle a ba a dirileng kwa sekoleng se sebotlana.
O ne a ba rotloetsa go itlwaetsa go rapela le go dumela mo Modimong, a supa fa thapelo e le maatla e bile e feta tsotlhe. Mogokgo wa sekole seo, Mme Babilimi Letebele a re barutabana ba ne ba ikiteile ka thupana ka jalo maikaelelo a bone a ntsha maduo a ba neng ba eleditse.
A re barutabana ba ne ba bereka bosigo le motshegare go ntsha maduo a, ba tshawaraganye le botlhe ba ba nang le seabe mo thutong ya bana.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Matlhakola
Event : Ipelelo maduo
Date : 04 Nov 2025




                                            



