Methale ya khumo e mentsi
20 Jan 2014
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya are metlhale ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi.
O buile jalo a kgothatsa balemi ba masimo a Masuakoloi gore ba tlhwaafalele go dirisa mananeo a puso go itirela dikgwebo. O buile jalo maabane fa a buisana le banni ba masimo ao. O ne a ba lemotsha gore go nale batho bangwe ba ba tsayang mananeo a puso ba bo baa itlhokomolosa aa fa sekai ka lone la temo.
A re go nale batho bangwe ba ba ikwadisang gore ba lemelwe mme fa di jwalo di sena gotswa ba a diitlhokomolosa dibo di jewa ke mohero. O tsweletse a bolela gore puso e dirisa madi a mantsi go lemela batho, a re gongwe a ne a ka dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe tsa Lefatshe leno mme sese bothoko e bo e nna gore batho bangwe fa ba sena go lemelwa gab a tlhole baya go gata kwa temo eo.
A re go botoka gore fa motho a itse gore ene ga a kgone golema a kope lenaneo leeseng la temo a kope la se a se kgonang ka gore mananeo a puso a mantsi , are mo botshelong go a itsege gore go nale batho ba basa keng ba lema ba tshela ka disele eseng go lema tsa temo ba di ja ka go direka fela.
Ka jalo ba seka bare ka gore puso e lemela batho hela basa duele sepe jaanong lbone ba boba itsenya mo mathateng a go lemelwe mme ba ka seke batle ba kgone. (are mananeo a puso a mantsi a bal eke a mangwe).
Mopalamente Goya a re temo e ga seya mahala puso e dirisa madi a mantsi go lemela batho (ga se mana aa tshwang kwa legodimong) are go tshwana fela le fa motho a ka dirisa madi a gagwe go itemela se ke fela gore go inolwe Batswana mo leubeng.
One a ba tlhagisa gore fa basa somarele temo e Afrika Borwa yare e a go oketsa ditlhwatlhwa tsa Phaletshe ka makgolo a matlhano 50% ka jalo ba tshwanetse ba monela marulana pele go itirela Phaletshe e ba tlaa thusang le Batswana ba bangwe ba bas a lemeng.
O tsweletse are ba a itse gore mo dingwageng tse ba tswang mo go tsone puso ene e ba tlhagisitse gore fa bas a leme ka ditselana ga e ketla e ba tsaya tema mo temo mme ka ele puso ya batho ka batho ene ya reetsa selelo sa mapalamente qa bone fa ba kopa gore e ba itshwarele ngwaga ono fela ka gore bas a ntse na nale mathata a le tlhoko la didirisiwa tsa go lema mo go batlegang.
Are ba kopa gore ngwaga oo tlang ba tshwanetse ba lema ka fa puso e batlang kateng mo go nang lle tlhwatlhwa ee nametsang.
A ba gakolola gore fa ba sena go roba ba rekise thobo ya bone ka yone ba bob a ikopanya ba reka di polantara gore fa ba bitsa ra terekere ba bo banale polantara ya bone gape ba kanna batla ba e hirisetsa baba senang nayo.
Gape rre Goya one a kgotlhatsa balimi are ngwaga ono ke wa ditlhopho ba ipaakanyetse goya go tlhopha ka go bona gore ba ikwadisitse le go baakanyetsa bo Omang ba bone ruri.
Orile a araba kopo ya modulasetilo ya gore a ba thuse tsela ya masimo a bone e senyegile a barotoetsa gore ba simolole go dirisa mowa wa bogologolo wa go itirela ka ipelegeng. gape ba botsa gore baipaakantse gole kafe ka go simolola go kopanela go teratela masimo a bone mabapi le thotoetso ya puso e a ba e boleletseng, mme modula setilo wa komiti ya tsa temo Rre Mothogaesi Gaatotege a supa fa ba ise ba kgone go dumalana are go nale baba sa ntseng ba sa kgatlhegele tirisanommogo are mme bat la nna ba leka go kgotlhatsana.
Modulasetilo o boleletse mopalamente gore bone batho baba ikgogelang kwa thoko bao ba dingalo le gone fa ba bidiwa gore bat le go ipaakanyetsa letlamo le ba nwang mo go lone sa bone ke go ba kgoba fa ba fitlhela ba lebaakantse bare bone ba nwa ka kgang. Modula setilo gape one a ikuela mo go mopalamente are balemisi ba diega go ba tlisetsa dipeo.are le didirisiwa di tla ka bonye kajalo bokgola bo bo ba sia. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2014







