Breaking News

Noka ya Thamalakane e a tshela ko Maun

23 Jul 2024

Ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Motsheganong go tsena Seetebosigo, banni ba kgaolo ya Nhabe ba nna ka tsholofelo ya gore noka ya Thamalakane e tlaa tshela e bo e peneloge jaaka e le tlwaelo mme ka ntlha ya diphetogo tsa loapi, seemo se tsere phekelo e sele.

Pele e ne e re noka e tshela, go bo go nna le meduduetso le boitumelo jo bogolo ka jaana botshelo jwa banni bo ikaegile ka noka e bile ba itse gore fa e tshetse jalo ba tlaa ja ba namile ka bangwe ba tshwara ditlhapi, bangwe ba huduwa mekoro fa bangwe ba lema mo lotshitshing lwa noka mme bangwe ba epe tswii go e namola lehuma.

Le fa go ntse jalo dipego di supile fa metsi a gorogile mo nokeng ya Thamalakane mo phirimaneng ya Mosupulogo mme ba ba itseng ditso tsa go tshela ga noka eo, ba supile fa go sena metsi monongwaga.

Ba ba galetse metsi a a gorogileng ba supa fa a le mmanye e bile a sena go goroga kwa mafelong a mangwe.

Mo potsolotsong Mothusa kgosi ya Matlapana, Kgosi Kebatho Kesekile o boletse fa ba bone dipego tsa gore metsi a gorogile kwa marakanelong a noka ya Boro le Thamalakane mme a supa fa a sa goroga ka bokete jaaka e le tlwaelo.

O kaile fa monongwaga a diegile go goroga, a tlatsa a re gantsi ba a solofela ka Motsheganong kana beke ya ntlha ya Seetebosigo. A re mo pakeng tse di fa morago, ba itemogetse phokotsego ya metsi a tlatsa ka gore metsi a noka a ne a okediwa ke dipula tse di neleng ka bokete kwa Angola le mo makgobokgobong a Okavango mme go supagetse fa dipula le tsone di le boutsana

Kgosi Kesekile a re metsi a a gorogileng ga a na go fitlhelela kwa mafelong a mangwe mo e ka reng mo kgweding tse pedi a bo a simolola go kgala.

“Ngwaga ono ke wa leuba tota re beile fela mo Modimong go nesetsa dipula gore bogolo re kgone go tshela ga mmogo le leruo le diphologo tsa naga,” Kgosi Kesekile a tlatsa jalo.

O kgadile dikhamphani dingwe tse a reng di gakatsa seemo sa go kgala ga noka ka go gelela metsi mme a kopa lephata le le lebaneng go ela seo tlhoko le gone go tsaya dikgato tse di maleba.

A re seemo seo ga se ba jese diwelang e le bogogi jwa moste ka jaana di kgotlela le noka le ntswa di na le madi a go ka ikepela didiba go dira ditiro tsa tsone. 

Kwa bofelong, Kgosi o ikuetse mo morafeng go somarela le go tlhokomela noka ya bone ka nako tsotlhe.

Banni ba kopile go emisa go leswafatsa noka le tikologo ya one ka jaana e oka bojanala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Noka ya Thamalakane

Date : 23 Jul 2024