Ditlhabololo ke tsa mongwe le mongwe
21 Apr 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Tati West Rre Simon Moabi a re ditlhabololo dingwe le dingwe mo kgaolong ya gagwe ke tsa baagi botlhe eseng ba motse mongwe fela.
E rile a simolodisa semmuso kago ya tsela ya Kalakamati-Sekakangwe bosheng, Rre Moabi a tlhalosa fa madi a ntshiwa go dira ditlhabololo mo metseng ya bone mme a kopa gore ba seka ba gana se se tshwanetseng go dirwa.
“Fa ditlhabololo di goroga le fa ele tse o neng o sa di eletsa ka nako eo, o di amogele ka tse o di eleditseng di tla goroga nako e e tlang,” Rre Moabi a tlhalosa jalo.
O ne a tlhalosetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe gore fa ba diega go dirisa madi a a ntshitsweng go dira tiro mo motseng wa bone, madi ao a tlaa bo a busiwa fa ngwaga wa madi o wela go supa gore ga baa tlhoke mme a neelwe kgaolo e nngwe.
Rre Moabi o kopile baagi go emisa mokgwa wa go lwela melelwane ya metse, a re se, se diya go dirwa ga ditlhabololo, a tlatsa ka go kopa gore a dikgang tsa melelwane di seka tsa emisa ditlhabololo.
E rile a itebaganya le dikhamphani tse di dirang tsela eo, mopalamente o ne a kopa beng ba tsone go duela babereki ka nako. “Ofisi ya ga mopalamente, molaodi, mmakaseterata le magosi ga baa tsoga ka kgang ya go tlhoka go duela babereki ga dikhamphani tse di agang le tsa badisa dikago,” ga bua Rre Moabi.
O ba gakolotse go emisa go reka dikoloi tsa manobonobo le go baakanya matlo a bone ka madi a kago ya tsela pele ga e wela, a tlatsa ka gore morokotso o bonala fela fa tiro e sena go wela.
Fa a latlhela la gagwe, mogolwane mo lephateng la ditsela le ditlhaeletsanyo Rre Prince Moalosi a re tsela eo e e sekgala sa dikhilomethara dile nne le sephato e tlaa agiwa ka ditena tse di lomagangwang.
Rre Moalosi a re kago eo e kgaogantswe ka dikarolo tse tharo, ya ntlha ke go fira dikatakata, ya bobedi keya go fira bo matipane fa ya boraro e le go tshela le go baakanya mmu wa lekgabana o o tshelwang pele.
A re go rwala le go tsisa mmu, go phepafatsa, le go dira tsela go abetswe dikhamphani tsa mo gae di le nne e leng ya Sunlead, Hydro Voltage Power, Iscus le ya G&J.
A re di tlhapile borre bale masome a mabedi le bongwe le bomme ba le bane.
“Tiro e ya go rwala le go tsisa mmu le go phepafatsa e simolotse ka Tlhakole a le masome a mabedi le boferabongwe mme ya fela Moranang a le lesome le bone,” ga bua Rre Moalosi a tlatsa ka gore kago e ya tsela e tla lopa P9.9 million.
O tlhalositse gore fa go tla kwa peong ya ditema, go thapilwe dikhamphani di ferabongwe mme mongwe le mongwe a dira selekanyo sa dimmethara dile makgolo a matlhano.
Kgosi Jenamiso Tshupoeng wa Kalakamati o ne a tlhalosa fa ba sa robadiwe ke dikereke tse di iphang ditsha gongwe le gongwe mo sekgweng go obamela mme ba tlogele leswe.
Kgosi Tshupoeng o ne a supa matshwenyego ka batho ba ba remang ditlhare, a tlhalosa fa bontsi jwa bone e se ba ba tswang mo motseng wa gagwe.
Rre Lucky Mmui wa khamphani ya Hydro Voltage Power o tlhalositse fa ba dumalanye go duela badiri kwa kgotleng e le go ipeela bosupi go fitlhelela tiro ya kago ya tsela e wela.
O tlhalositse fa ba kopile go dira letamo ka lefuti le ba tlaa bong ba epa mmu mo go lone go tlogelela morafe fa ba ka nosang leruo la bone teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : KALAKAMATI
Event : Tshimolodiso ya kago ya tsela
Date : 21 Apr 2024