Molao o kgothatsa batho go dirisa ditirelo tsa puso
16 Apr 2024
Banni ba Chadibe mo kgaolong ya Shashe Bophirima ba rotloeditswe go dirisa ditirelo le mananeo a puso go fetola matshelo a bone.
Mopalamente wa kgaolo, Rre Fidelis Molao, o buile jalo a simolodisa lenaneo la Botswana Speaks a re le tla ba thusa go nna karolo mo tsamaisong ya palamente.
Rre Molao o rile gore ba kgone go dirisa lenaneo le, ba tshwanetse ba ikwadisa mo maranyaneng a Botswana Speaks gore ba kgone go romela megopolo ba dirisa mogala wa letheka.
A re maranyane a Botswana Speaks a thusa banni gore ba gokagane le mopalamente wa bone ka bofefo gape go le motlhofo ka nako tsotlhe.
Rre Molao a re lenaneo la Botswana Speaks le simolodisitswe ka ngwaga wa 2013 e le tekeletso kwa dikgaolong tsa botlhophi tsa Gaborone, mme morago la atolosiwa go akaretsa dikgaolo tsotlhe. O tlhalositse gape gore puso e eme ka dinao go atlolosa tiriso ya maranyane ka go gokela diofisi tsa puso jaaka kgotla, kokelwana le dikolo gore mongwe le mongwe a kgone go nna le sebaka sa go bona ditirelo le mananeo ka tiriso ya maranyane.
O gakolotse gore le fa tiriso ya maranyane e le botlhokwa, ba ele tlhoko gore ba a dirisa sentle e seng mo ditirong tsa borukutlhi kana go inaakanya le mekgwa e e duleng mo tseleng.
Mo go tse dingwe, Rre Molao o ne a ba kgothatsa go tswa ka megopolo e e ka thusang gore ba akole lenaneo la Chema Chema ka go dira dikgwebo tse di potlana go tokafatsa matshelo a bone le itsholelo ya lefatshe.
Le fa go ntse jalo, Rre Molao o rile go botlhokwa gore ba ele tlhoko ba seka ba tsiediwa ke manweenwee, a a itshemang a romilwe go ruta ka lenaneo la Chema Chema.
A re go setse go na le ba bangwe ba ba tsamayang ba anamisa mafoko a e seng a boammaaruri a gore puso e phakisa madi, ba leka go faposa boammaaruri jo puso e bo dirang go ntsha Batswana mo lehumeng.
Fa a tswa la gagwe Kgosi Mmoloki Kajata wa Chadibe a re o tshwenngwa ke gore le fa a ise a tlhalosediwe ka botlalo ka lenaneo la Chema Chema, morafe o tsweletse ka go tshelegela mo ofising ya gagwe ka mekwalo mengwe ba kopa gore e bewe monwana.
Kgosi Kajata are o tshwenngwa ke gore go tlhoka go tlhaloganya lenaneo le, go ka nna ga mo dirisa diphoso tse di ka mmakelang molato.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : CHADIBE
Event : Botswana Speaks
Date : 16 Apr 2024