Breaking News

Puso e tlaa atolosa mananeo - Kwape

16 Apr 2024

Mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape, a re puso e tlaa atolosa mananeo a e thusang Batswana go tokafatsa matshelo a bone ka one ka go tla ka a mangwe a a itebagantseng le banana le bomme. 

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsonyane ka Labotlhano, Dr Kwape o boleletse banni fa ditsamaiso tsa mananeo ao di santse di betlwa mme e tlaa re seo se wela a rolelwe setshaba gore ba ba lebaneng ba simolole go a akola. 

A re mananeo a, a tlaa bo a tlatsa a a ntseng a le teng a a akaretsang le lesha go ribololwa la Chema Chema. 

Fa a bua ka Chema Chema, o kopile banni go ikgatholosa dikakanyo tsa bangwe tsa gore puso e ikaelela go direla Batswana melato ka lenaneo leo mme morago e ba katele ka dikgolegelo fa ba setse jaanong ba retelelwa ke go busa madi a ba a adimileng. Dr Kwape o gwetlhile banni go lemoga fa puso e ba eleletsa tse dintle mme e bile e ititeile sehuba go bona gore e ba thusa go fetola matshelo a bone. 

A re se se botlhokwa ke gore ba ba adimilweng madi ba sale morago ditumalano tsa kadimo fela jaaka e le tshwanelo, a re ba tshwanetse ba lemoga fa madi ao a tshwanetse a boela mo letloleng gore a tle a thuse ba bangwe. 

Mo go tse a di kgonneng tse a neng a di solofeditse batlhophi, mopalamente o ne a itsese banni fa motse wa bone o tlaa phunyediwa sediba mo nakong e e seng kgakala. 

A re go phunngwa ga sediba seo, se se tlaa gokelwang ka marang a Letsatsi, go ne ga diiwa ke go batlwa ga lefelo le se tlaa phunngwang mo go lone, mme a supa fa jaanong tiro e tlaa simolola, ka kgwetlho eo e rarabolotswe. 

Mo go tse dingwe, Dr Kwape o ne a itumelela pego ya morafe e e neng e rurifatsa gore phatlalatso ya metsi le motlakase di tsweletse mo motseng oo. 

A re le fa gone go ka se kgonege gore puso e ise ditlhabololo tsotlhe tse di tlhokwang ke batho ka nako e le nngwe, go molemo fa morafe o lemoga e bile o amogela maiteko a puso a go araba dilelo le dikeletso tsa bone. 

O ne gape a supa fa e le selo se sentle go bo kokelwana ya motse oo jaanong e nale moabi wa melemo, selo a kaileng fa se tlaa thusa gore banni ba bone ditirelo tsa botsogo botoka. 

Kwa phuthegong e a neng a e tshwere kwa Selokolela, Dr Kwape o ne a tlhalosetsa banni fa tsela ya Kanye-Jwaneng e tlaa dirwa mme e tlaa akaretsa ditsela tse di fapogelang kwa metseng ya Seherelela le Betesankwe. 

O ne gape a supa fa kokelwana ya motse oo e tlaa abelwa kharabene go oketsa fa balwetse ba thusetswang teng fa go santse go emetswe katoloso ya yone. 

Dr Kwape o bile a kopa botlhe ba ba sa ikwadisetsang ditlhopho tsa setshaba tsa monongwaga go dira jalo fa ikwadiso ya tlaleletso e bulelwa gape kgwedi e e tlang. 

E ne e rile a lekodisa moplamente ka tse di amang motse wa Tsonyane, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mahlathini Batsietsi a tlhalosa fa phatlalatso ya metsi le motlakase di tsweletse. 

Le fa go ntse jalo, o ne a kopa gore sekolo se se botlana sa motse se gokelwe motlakase ka mo nakong eno o goketswe fela kwa matlong a barutabana. 

Rre Batsietsi o ne a kopa gore molemisi wa bone yo a hudusitsweng ka mabaka a tiro a emisediwe. Kwa Selokolela, Kgosi Keorapetse Legabala o ne a phophotha Dr Kwape legetla go bo a seke a ipona tsapa go ba lekola. 

O ne a mo lebogela go tshegetsa ditsholofetso tse gangwe le gape a di bayang morafe pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : TSONYANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Apr 2024