Breaking News

Makwinja o akgola kereke ya Assemblies of God

15 Apr 2024

Kereke ya Assemblies of God e lebogetswe go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong le dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo.

O buile se ka Matlhatso kwa Mmopane morago ga gore kereke eo e rulaganye mogwanto kgatlhanong le kgokgontsho ya bong le dikotsi tsa tsela.

Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Mme Nnaniki Makwinja o tsibositse setshaba gore lekgotla la mafatshefatshe la botsogo WHO le supa gore dikotsi tsa dikoloi di gapa matshelo a batho ba le sedidikadike le makgolo a roba bongwe (1.9 million) ka ngwaga lefatshe ka bophara.

A re mo Botswana batho ba ba tlhokafalang mo dikotsing tsa dikoloi ba makgolo a mane le masome a matlhano (450) ka ngwaga.

Mme Makwinja a re batho ba le babedi go ya kwa go ba le lesome ba amiwa ke kgokgontsho letsatsi le letsatsi mo Botswana. Ka jalo, Mme Makwinja o iteetse kereke ya Assemblies of God legofi ka seabe sa yone mo go lwantsheng dikgang tse di amang setshaba.

O gwetlhile setshaba ka kakaretso go seka seka kgodiso ya ngwana wa mosimane, a supa fa bontsi jwa borre e le bone ba di gogang kwa pele mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bong le mo dikotsing tsa dikoloi.

Ka jalo a re go ka nna molemo fa bana ba basimane ba ka phuthwa ba kopanela golo gongwe go tla go buisana ka tseo tsotlhe tse di ka ba agang gore e nne borre ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.

Mooki wa kokelwana ya Mmopane, Mme Sarah Dichabaditsile o buile a sa kgwe mathe ka bojalwa jo bo nowang mo motseng wa Mmopane.

Are go iphetisa nnotagi ke nngwe ya tse rotloetsang dikotsi tsa ditsela. Mme Dichabaditsile o kopile banni ba Mmopane go ikgapha mo go dipe tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng le go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone.

Moruti wa kereke ya Assemblies of God mo Mmopane, Rev. Otlaadisa Motladiile, o tlhalositse fa borre ba kereke ba tlile ka moono wa go tla go gasa molaetsa o supang fa bale kgatlhanong kgokgontsho ya bong le dikotsi tsa dikoloi.

Rev. Motladiile a re mathata a matona a a bakang dikotsi tsa ditsela le kgokgontsho ya bong ke tiriso ya nnotagi le ditagi. 

Ka jalo o gwetlhile borre go emisa go kgokgontsha bo mme le go tsaya boikarabelo mo setshabeng le mo malapeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MMOPANE

Event : mogwanto kgatlhanong le kgokgontsho

Date : 15 Apr 2024