Breaking News

Ba Mabule ba rotloeditswe go Chema Chema

15 Apr 2024

Tona ya Kgwebo, Rre Karabo Gare, o rotloeditse banni ba Mabule go netefatsa gore ba inaakanya le lenaneo le le itebagantseng le bagwebi ba dikgwebo tsedi potlana la Chema Chema. 

Rre Gare o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tsene le mopalamente wa kgaolo eo, Rre Eric Molale, ka Labone kwa motseng oo le ba na le seabe ba bangwe jaaka CEDA le LEA. 

O tlhalositse gore lenaneo le puso e le diretse gore le itebaganye le bagwebi ba dikgwebo tse di potlana morago ga gore go lemogwe fa ka dinako tse dintsi ba nna fela ba kgaphetswe ntle kana mananeo a mangwe a puso asa ba tsenye mo teng. 

"Re ntse re sa ele tlhoko bagwebi ba dikgwebo tse di sa kwadisiwang kafa molaong le ntswa ele bone ba tshwereng itsholelo". O tlhalositse gore dikgwebo ka bontsi tse mo bogompienong go tweng di ditona di simolotse kwa tlase mme tsa tswelela ka go gola. 

Tona Gare o boletse fa lenaneo leo le sa tlhaole ope go sa kgathalesege gore ao mogolo kana ngwana le fa ele gone o simololang kgwebo.  A re madi a Motswana aka a adimiwang a simolola ka makgolo a matlhano a dipula mme morokotso wa teng okwa tlase fela thata. 

Fa atswa la gagwe, Rre Molale o kopile banni ba kgaolo go netefatsa gore ba dira bo Omang, a tlatsa ka gore lengwe la mabaka a gore ka dinako dingwe ba bo basa tsee mananeo ke gore ga ba na sepe se se supang gore ke Batswana. 

Mookamedi wa lekalana la CEDA Rre Thabo Thamane o gakolotse banni gore fa ba sena go atlega ba tsaa madi, ba tshwanetse go netefatsa gore baa dirisa tiro e ba rileng baa go e dira gore batle ba bone maduo a a nametsang. 

Banni ba Mabule ba ne ba opela lenaneo legofi ba supa fa ba tlaa netefatsa gore ba dira tsotlhe tse di tshwanetseng gore ba kgone go atlega. 

Mme Judith Kelekwang a re lenaneo le siame thata ka jaana le sa kgapele ope kwa ntle.  Mongwe wa bagwebi ba mo mekgwatheng, Mme Dineo Moffat, a re o itumeletse lenaneo ka le tlaa thusa bagwebi ba dikgwebo tse di potlana.  Makalana a CEDA le LEA a supile fa e tlaare mo bogaufing ba netefatse gore ba simolola go ralala lefatshe la Botswana ba kwadisa bao ba ba batlang go thusiwa ka lenaneo. BOkhutlo

Source : BOPA

Author : AOBAKWE MOLEFHI

Location : MABULE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 15 Apr 2024