Bomme ba BDP ba rotloediwa go ipaakanyetsa ditlhopho
14 Apr 2024
Modulasetilo wa komiti kgolo ya bomme ba Botswana Democratic Party (BDP), Mme Peggy Serame o kgothaditse bomme go ngoka maloko a masha le go ikemisetsa go emela ditlhopho tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang monongwaga.
A re bomme ke bone ba tshwereng thipa ka fa bogaleng, ke bone ba buelelang borre e bile gape ba lebile le malwapa a bone.
Tona Serame o buile se kwa phuthegong e a neng a biditse babegadikgang le go amogela maloko a masha mo phathing kwa Mahalapye ka Labone. Mongwe wa ba ba amogetsweng ke mmaagwe mopalamente wa pele wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko, e bong Mme Catharine Boko, go tswa kwa UDC. A re palo ya bomme ba ba emelang ditlhopho ga e kgotsofatse ka gore go na le dikgwetlho dingwe tse di ba emang pele jaaka letlhoko la madi, mafoko a a buiwang kwa ditlhareng ke mapolotiki, e bile gape ke bone ba tlhokometseng malwapa.
Mme Serame o boletse fa maloko a komiti ya bomme lefatshe ka bophara, a dumalane ka bongwefela jwa pelo gore Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, a tswelele gape go nna Tautona mo ditlhophong tse di tlang. O boletse fa ba solofete go amogela maloko a mangwe kwa Mookane.
Mme Boko, o boletse fa mmaagwe e ne le leloko la BDP, mme le ene e le mo BDP, mme e rile fa morwa wa gagwe a simolola dipolotiki, a tsena mo go ba kganetso, ka jalo le ne a herekanela BDP a ya UDC.
O kaile fa e rile bosheng fa a utlwa fa Rre Boko a tlogetse sepolotiki, bopalamente le kgaolo ya gagwe, a hutsafala mme ke fa jaanong a bona gore a boele kwa BDP. O boletse fa ba ne ba berekela phathi tsa kganetso ka botswapelo a na le morwa wa gagwe.
A re Rre Boko o ne a tshwenyegile thata mo moweng e bile a lwala, a na le dikgwetlho tsa botshelo fa a tlaa tlogela sepolotiki. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MAHALAPYE
Event : Rally
Date : 14 Apr 2024